Breaking News

Baji-bareki ba tshwanetse go itse ditshwanelo tsa bone

19 Mar 2018

Mothusa mookamedi wa lephata la papadi le merero ya baji-bareki, Mme Kemmonye Keitsile a re go tlhokega gore baji bareki ba rutwe ditshwanelo tsa bone.

Fa a bua mono Gaborone kwa thutopuisanyong ya letsatsi la mafatshe la ditshwanelo tsa baji-bareki, Mme Keitsile o boletse fa baji-bareki ba tlhoka go tlhabololwa ka ba lebanwe ke dikgwetlho mo mmarakeng wa boranyane.

A re batho ba ba dirisang mmaraka wa boranyane ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le go dirisa dikhomputara go tsietsa, go tsietsa ka tiriso ya boranyane, le go tlhoka go direla mo pontsheng ga barekisi.

O kgothaditse badirisi go nna kelotlhoko fa ba reka dilwana le ditirelo.

O kopile dikhamphane tsa ditirelo go tswa ka ditsela tse di farologanyeng tsa go tiisa ditshwanelo tsa baji-bareki, ka jalo ba ntlafatsa mebaraka ya boranyane. Fa a tswa la gagwe, mothusa mookamedi wa Botswana Communications Regulatory Authority (BOCRA), Rre Aaron Nyelesi a re le fa baji- bareki ba lebanwe ke dikgwetlho, ba botlhokwa mo go tsweleleng ga itsholelo. 

Rre Nyelesi a re mmaraka wa boranyane o na le tse di siameng le tse di sa siamang, a re BOCRA e tlhometswe go ntsha ditirelo tse di babalesegileng, di ikanyega, e bile di sa ture.

O kopile baji bareki go kopana go sekaseka dikgwetlho tse di ba lebaneng mo mmarakeng le go lwela dikgato tse di maleba go baakanya seemo.

Segopotso seo se ne se tshwerwe ka setlhogo se se reng, ‘Go Dira Mebaraka ya Maranyane e e Tshephegang’.

A re setlhogo seo se maleba gonne boranyane bo naya badirisi sebaka sa go tlhopha le go dira ka thelelo gonne dilwana le ditirelo di rekisiwa ka boranyane jwa dikhomputara. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : letsatsi la baji bareki

Date : 19 Mar 2018