Breaking News

Bogogi bo simolola kwa lwapeng

19 Mar 2018

Mothusa mokwaledi wa kgaolo potlana ya Letlhakeng, Rre  Tumelo Seboko o kgothaditse baeteledipele go nna bone ba di gogang kwa pele mo twantshong kgotlholo e tona (TB) le mogare wa HIV/AIDS.

Fa a bua kwa letsatsing la go tsibosa setshaba ka megare ya TB/HIV kwa Letlhakeng bosheng, Rre Seboko o ne a re boeteledipele bo simolola fela kwa lwapeng  fa batsadi ba rotloetsa ba malwapa a bone go itlwaetsa go nna ba itlhatlhobela megare ya malwetse oo-mabedi.

A re ka malwetse a ka bobedi  a sa tlhaole, ke kgwetlho ya mongwe le mongwe mo setshabeng. 

O ne a gatelela botlhokwa jwa go gore ba ba amilweng ke megare e ba tsee kalafi ka tlhoafalo.

Rre Seboko a re dipalo di supa fa Botswana a gatisitse dipalo tsa ba ba amilweng ke TB ka 2016 di tsamaya kwa diketeng di le thataro. Ba le makgolo a le mararo, masome a robabongwe le bobedi ba tlhokafetse ba setse ba tsaya kalafi.

A re Kweneng Bophirima e gatisitse dikgang di le makgolo a mabedi, masome a mabedi le motso ka 2016 fa Letlhakeng e nnile le balwetse ba le masome a mane le bone, fa ka 2017 dikgang di palameletse kwa go makgolo a mabedi, masome a mabedi le borataro mme mo palong e masome a matlhano le borataro e ne e le dipalo tsa kwa Letlhakeng.

Rre Seboko o tlhalositse fa mogare wa TB le HIV/AIDS e le di ya thoteng e bile dipalo di ya magoletsa mo lefatsheng leno  ntswa go na le maiteko a go leka go nyeletsa malwetse a.

O rotloeditse bokopano joo, thata borre ka ba kaiwa ba le maoto a tshupa gore ba nne ba itlhatlhoba.

Rre Seboko a re puso ga e kitla e emisa maiteko a go lwantsha TB le HIV/AIDS go filthelela  go nako e go tlaa bong go sena ope yo o amilwe ke megare e, ka jalo se se tlhola maiteko a botlhe.

Fa a tswa tswa la gagwe, mookamedi wa baoki ba kgaolo ya Letlhakeng, Mme Ruth Sebuso a re letsatsi le le  diretswe go tsibosa batho ka megare e e tsweletse ka go anama. A re maiteko a go tsibosa setshaba ka malwese a sale a simolodisitswe gore moaletsa o ikage mo setshabeng. 

A re se ba botsogo ba ka se dirang ke go arogana dikitso le setshaba mme kwa pheletsong ke boikarabelo jwa motho a le esi go itse seemo sa gagwe le go sala ditaelo tsa melemo morago.

E re ntswa puso e dira ka gotlhe, Mme Sebuso a re go a tshwenya ka mo nakong eno go santse go na le batho ba ba sa itseng seemo sa bone sa mogare le ba ba tlhajwang ke ditlhong go ya go tsaya melemo kwa dikokelong.

Fa a afa bokapi, Rre Phenyo Ramodulape yo o neng a lwala TB a re go lwantsha mmaba yo ke gore motho a bo a ineetse go sala ditaelo tsa ba bongaka morago le go emisa dilo di tshwana le go nwa bojalwa le go goga. 

E re ntswa melemo e na le ditlamorago, a re go botlhokwa go sa ineela le gore batho ba seka ba tlhajwa ke ditlhong go ya go e tsaya. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : LETLHAKENG

Event : TB\\HIV day

Date : 19 Mar 2018