Ikwadisetso ditlhopho e simolola ka Lwetse
19 Mar 2018
Ikwadisetso ditlhopho tsa 2019 e tlaa simolodisiwa Lwetse a tlhola malatsi a le mararo go fitlhelela Ngwanaatsele a tlhola malatsi a supa.
Mogolwane kwa ofising e e tsamaisang ditlhopho (IEC), Rre Molatlhegi Baloi o begetse maloko a Party Liaison Committee mo bokopanong kwa Palapye bosheng gore morago ga go tswalwa ga malatsi a a beilweng a ikwadiso, ga go na go tla go nna le ikwadiso epe gape.
O ne a gakolola batsaya karolo go rotloetsa batho go ikwadisetsa ditlhopho mo malatsing a a beilweng.
O bile a rotloetsa ba dikarata tsa bone tsa Omang di felelwang ke tiriso monongwaga go di shafatsa pele ga nako e di e beetsweng e wela.
A re IEC e itemogetse fa dikarata tsa itshupo ka bontsi di tlaa tswa mo tirisong monongwaga, ka jalo a gatelela botlhokwa jwa gore botlhe ba ba amegang ba epe mosele wa pula go sale gale.
Rre Baloi o rotloeditse setshaba go busetsa dikarata tsa Omang tsa batho ba ba tlhokafetseng kwa diofising tsa Omang go gore maina a bone a seka a nna teng mo bukeng ya maina a batlhophi.
O ne a tlhaosetsa bokopano fa lephata la gagwe le itse ka kgang e e fa pele fa lekgotla e diphathi tsa kganetso di sa jesiweng diwelang ke tshimolodiso ya motshine o o tlhophisang wa EVM, go emisiwa ga ikwadiso ya tlaleletso le go ikwadisetsa ditlhopho mo go sa beelweng nako.
Ka jalo, Rre Baloi o supile fa ba ise ba reke metshine e ya ditlhopho go fitlhelela kgange e rarabololwa.
Le fa go ntse jalo, a re se ga se na go emisa ikwadisetso ditlhopho.
Leloko la Botswana National Front, Rre Onkarabile Fati o ntshitse ngongora ya gore lephata le le tsamaisang ditlhopho le ka bo le sa ntsha malatsi a ikwadiso pele ba itse maduo a kgang e e kwa kgotleng ya ditsheko.
O supile fa go tshwenya gore IEC e bo e setse e gatetse pele ka ikwadiso mme go rutuntshiwa ga batlhophi ka tiriso ya motshine go ise go simolodisiwe, a tlatsa ka go re Batswana ka kakaretso ba kgatlhanong le tiriso ya motshine oo, ka jalo e rile fa go dirwa tshutliso ya molao wa go dirisa motshine go ne ga seka ga nna le therisanyo e e tlhamaletseng.
O tlhalositse fa phathi ya gagwe e sena go tsaya karolo mo ditlhophong tsa 2019 fa e le gore go tlaa bo go sa tlotlwe dikeletso tsa batho.
Fa a araba, Rre Baloi o supile fa lephata la gagwe le itse ka botlalo ka kgang e e fa pele ga lekgotla mme le bone fela jalo ba tshwentswe ke gore ithutuntsho ka tiriso ya EVM ga e ise e simolodisiwe.
A re fela fa kgotla e ntsha katlholo, IEC e tlaa dira ka gotlhe go baakanyetsa ditlhopho tsa 2019.
Ka jalo, Rre Baloi a re kgang e ka e ama setshaba ka kakaretso, lephata la gagwe le beile mo lekgotleng gore le e fefose. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : PALAPYE
Event : bokopano
Date : 19 Mar 2018






