Breaking News

Ba bogosi ba abela bana

15 Mar 2018

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgotlana ya Riverside mo Maun, Rre Suping Kebalepile o lebogetse bodiredi jwa kgotlakgolo ya Batawana go bo ba abetse bana ba ba-na-le bogole ba Moremi III Memorial School.

Rre Kebalepile o ne a le kwa kabong dimpho e e neng e tshwaretwse kwa sekoleng seo ka Labobedi. Dimpho tseo di ne di akaretsa dino-tsididi di le makgolo a mane le masome a mabedi le mabotlolo a metsi  a le makgolo a le mararo le masome a marataro.

Modulasetilo o ne a tlhalosa fa ba dirile tiro e ntle e bile e le tona go bo ba gopotse bana ba ba-na- le bogole, a supa fa seo se ba kaya e le bogogi jwa motia.

O ne gape a rotloetsa barutabana le batsadi ba bana go tswelela ba tshwaragane mo kgodisong le mo thutong ya bana, a tlhalosa fa maduo a tirisano mmogo eo a tsweletse ka go ntsha maduo a mantle mo sekoleng.

Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole seo, Mme Ngonda Setlhare o ne a tlhalosa fa sekole seo e le se se faphegileng ka e le sone sa ntlha mo Bokone Bophirima le mo Maun go nna le lekalana la thuto ya ba-na-le bogole.

Mme Setlhare o tlhalositse fa sekole seo se na le bana ba le makgolo a ferabobedi le masome a supa mme mo palong eo ba le lekgolo ke bana ba lekalana le la ba-na-le bogole.

Mogokgo o ne a tlhalosa fa ba na le kgwetlho mo lekalaneng leo ya letlhoko la matlo a borutelo le didirisiwa tsa thuto tse di lebaganeng bana ba ba-na-le bogole.

A re puso e leka go thusa mme ga e kgone matlhoko ao, ka jalo a gwetlha dikompone tse di ikemetseng le setshaba go thusa puso maikemisetso ao.

O ne gape a ikuela mo dikomponeng go tsaya sekole seo ka lenaneo le le bidiwang ‘Adopt-a-school’ go thusa go se tlhabolola.

Mongwe wa baithuti bao yo o mo mophatong wa bone (level 4) Rre James Modisane le ene fela jalo o ne a leboga ba kgotlakgolo go ba abela dimpho, a tlhalosa fa Modimo ka esi e le ene yo o ka ba lebogelang bopelotlhomogi le bopelontle jo a bo supileng mo go bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshepo Botshelo

Location : Maun

Event : Kabo dimpho

Date : 15 Mar 2018