Barclays bank Palapye e abetse sekole sa Ratsie
15 Mar 2018
Banka ya Barclays kwa Palapye e abetse bana ba sekole se sebotlana sa Ratsie paka ya sekole ya mariga, e e ba lopileng P13 500.
Paka e e tlaa abelwa bana ba le 62 go tswa mo mephatong yotlhe ya sekole, go akarediwa le ba thuto e e faphegileng.
E rile ba aba mpho eo mogolwane wa banka eo mono Palapye, Mme Kegomoditswe Gaebolae a tlhalosa fa e le boikarabelo jwa bone e le bodiredi go bona gore ba tsenya letsogo jang mo kgodisong ya bana le mo setshabeng ka kakaretso.
A re e le bodiredi jwa Barclays ba ne ba ikopanya le ba sekole go ba tlhophela bana ba ba bonang e le bone ba ka thusiwang ka e se botlhe ba ba tlhokang.
A re ga se lantlha ba abela sekole ba tswa kgakala ba nste ba se thusa ka tse di amanang le thuto.
Mme Gaebolae o ne a supa fa go le letlhogonolo e bile go le molemo go bona ba inaakantse le sekole se se nang le baithuti ba thuto e e faphegileng.
A re seo fela ka bo sone ke ditshegofatso.
O ne gape a supa fa peo e e jwadilweng ke Tautona e wetse mo mmung o o siameng, ka a ne a seka a nyatsa bokgoni jwa Batswana, a bona go le matshwanedi go ba ngoka le go ba gakolola ka letshego la boithaopo, mowa wa kutlwelobotlhoko le go aba.
A re tseo di ne tsa tiisa Batswana moko go lemoga fa ba na le bokgoni jwa go ka tsenya letsogo mo go ageng tshaba e e nang le boikarabelo.
A re Barclays ke nngwe ya makalana a a buseditseng go le gontsi mo setshabeng ka ditsela tsotlhe tse ba ka di kgonang, a supa fa ba sa itebaganye le go aba fela.
A re ba na le ntlha e nngwe ya go rutuntsha batho ka tiriso ya madi, morago ga go lemoga fa bontsi jwa Batswana ba jela fela mo ganong ba sa itse go a dirisa le gone go a boloka.
Mogokgo wa sekole seo, Mme Rebaone Maseba a supile fa sekole sa gagwe se ikaegile ka Modimo segolo jang ka se na le bana ba dithuto tse di faphegileng.
A re barutabana, bodiredi le bana ba sekole ba tshwaraganetse thuto ka tsela e e faphegileng, a supa seo ka maduo a lekwalo la bosupa go tswa kwa moragonyana.
A re sekole sa gagwe ke sengwe sa tse di lesego, ka ba kgonne go bona dithuso go tswa mo dikomponeng tse ditona le mo bathong ka bongwe ka bongwe, a tlatsa ka go re monongwaga ba kgonne go kwadisa mephato e le meraro ya ditlhopha tsa bananyana ka ba na le matlo a a lekanyeng a borutelo.
Mokhanselera wa kgaolo, Rre Molefane Tseladikae o ne a leboga puso ka lenaneo la ESP le mpho ya ba Morupule Coal Mine, ga mmogo le bone ba Barclays a re dimpho tsa bone di nametsa pelo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Palapye
Event : Kabo Dimpho
Date : 15 Mar 2018






