Breaking News

Ba Maralaleng ba itumelela sediba

15 Mar 2018

Banni ba Maralaleng ba supile fa ba itumeletse mpho ya sediba se ba se filweng semmuso bosheng.

Sediba se ke sengwe sa tse di lesome tse di abetsweng metse ka go farologana mo Kgalagadi.

E ne ya re morago ga gore setshaba se ngongorege ka tlhaelo ya metsi, bogolo jang a leruo, Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama a laela ba-na-le seabe gore ba senke didiba tsa puso tse di sa dirisiweng ba di gokelele metse e go supegang e na le letlhoko le le ntsi la metsi.

Didiba tse di dirisa maranyane a marang a letsatsi go pompa metsi.

E ne ya re a amogela mpho eo, Kgosi David Megano a tlhalosa fa sediba seo se tlaa kgontsha batho botlhe ba ba filweng mananeo a dipodi gore ba intshe mo lehumeng.

A re ba ntse ba nna fela ka matlhotlhapelo ka jaana go ntse go sena kwa ba nosang leruo teng mme se se dire gore diruiwa di swe ka bontsi ke lenyora.

O rotloeditse morafe gore o netefatse gore ba tlhokomela mpho eo ka jaana ba ntse lesego go bo ba filwe sediba.

Mookamela ditirelo wa lephata la temo-thuo mo Kgalagadi, Rre Nkwadisang Moipopi  a re o solofela gore sediba se ba se abetseng Maralaleng se tlaa ba thusa go itshetsa.

O kopile morafe gore o netehatse gore ba tlhokomela sediba seo gore se ba tswele mosola.

O tlhalositse gore sediba seo ke sa botlhano mo kgaolong mo go tse ba setseng ba di file merafe mo Kgalagadi mme se goketswe ka madi aa hetang P40 000.

O tlhalositse gore puso e bone go le botlhokwa gore e dire lenaneo le le faphegileng mo kgaolong gore batho ba tle ba kgone go akola mananeo a puso a tshwana le la LIMID.

A re e re ka jaana puso e na le maikaelelo a go aga matlhabelo a dihutshane kwa Tsabong, go maleba gore ba netefatse gore ba oketsa diruiwa ka gore matlhabelo ao a tsile go tlhoka dihutshane tse dintsi.

Barui ba motse oo ba supile boitumelo jo bogolo ba supa fa sediba seo se ba imolotse dingalo tsa go senkela diruiwa tsa bone metsi.

Ba re ba solofela fa jaanong ba tlaa kgona go bona dipoelo tse di nametsang mo thuong ka gore go ya kwa pele ba  tlaa bo ba sa dirise madi a mantsi go senkela diruiwa tsa bone metsi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Maralaleng

Event : Kabo Dimpho

Date : 15 Mar 2018