Breaking News

Mosadi sebopiwa sa botlhokwa

15 Mar 2018

Bomme ba gakolotswe go itse fa ba le dibopiwa tse di botlhokwa mo botshelong ka e le bone pinagare ya setshaba.

E rile ba bua kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la bomme kwa Siviya mo kgaolong ya Bokone Botlhaba bosheng, dibui ka go farologa ba supa fa bomme e le bone dipilara tse di tshegeditseng matshelo a bana le a borre tota.

Sebui sa tlotla kwa meletlong oo, eleng modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba gape e le mokhanselara wa Matsiloje, Mme Florah Mpetsane o ne a kaya fa bomme ba le mabogodika, a kaya fa le mo mosepeleng wa ditlhabololo tsa lefatshe ba nna ba tsaya karolo e kgolo.

Mme Mpetsane o ne a supa fa mo Bokone Botlhaba go na le bomme ba le makgolo a mabedi le masome a matlhano le botlhano ba ba inaakantseng le lenaneo la nyeletso lehuma, e le gone go leka go tlhabolola matshelo a bone le ba malwapa a bone.

Ka jalo modulasetilo o ne a gwetlha bomme go tswelela ba tshwere ka thata mo go sepe fela se ba inaakanyang le sone, a re seo se ka thusa gore ka 2036 go bo go na le maungo a a itumedisang.

Le fa go ntse jalo, Mme Mpetsane o ne a supa fa kgokgontsho ya bomme le basetsana e santse e le kgwetlho e tona e gantsi e nnang le seabe mo go palediseng bomme go itirela matshelo, a re dipatlisiso tsa ba lephata la bong di supa fa bomme e le bone ba angwang thata ke kgokgontsho ya go ketekwa le ya maikutlo.

A re ka moo, go mo maruding a mongwe le mongwe go leka ka bojotlhe go nyeletsa kgokgontsho ka gotlhe mo ba ka go kgonang.

Mme Mpetsane a re go botlhokwa gore bana ba rotloediwe go dirisa botswerere jwa bone  gore ba tsoge ba kgona go itshetsa ka jaaka bagaka ba tshwana le Mme Amantle Montsho.

Mogolwane go tswa kwa ofising ya tsa bong kwa Francistown, Mme Dorcas  Mgdla o ne a tlhalosa fa bomme ba tswa goolowe ba nna le seabe mo mererong ya ditlhabololo tsa setshaba.

Ka jalo Mme Mgdla a re maikaelelo a letsatsi leo ke go ba fa sebaka sa go itshekatsheka go lemoga ka fa ba tsweletseng ka teng ga mmogo le go bona gore go ya pele dikgwetlho tse ba kopanang natso di ka rarabololwa jang.

A re maikaelelo a mangwe ke go leka go tla go abelana megopolo le go ngokela borre mo dikgannyeng tsa go rotloetsa bomme le basetsana, bogolo jang go lebeletswe dikgang tsa kgokgontsho ya bong.

Fa a tswa la gagwe, Mme Caroline Setshego go tswa kwa lephateng la botsogo o ne a tsibosa bomme go ikela tlhoko mo dikgannyeng tsa botsogo, a supa fa e le bone ba gantsi ba angwang ke malwetse ka go farologana.

A re go botlhokwa gore ba nne ba kopa bogakolodi kwa go ba ba lebaneng ka dinako tsotlhe fa ba na le sengwe se se ba tshwenyang, go tila gore ba felele ba amilwe ke malwetse mangwe.

Mme Setshego a re bomme ba tshwanetse ba ithuta go ikemela ka dinao, a re le bone ba tshwanetse ba tsaya ditshwetso mo dikgannyeng tsa tlhakanelo dikobo go na le go nna ba tseelwa ditshwetso ke borre, a supa fa seo se ka fokotsa kanamo ya malwetse a tlhakanelo dikobo.

Mo go la gagwe, Mme Thandie Malebang go tswa kwa Women’s Personal Development o kopile bomme go emelelana le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo botshelong, ba leke go batla methale e ba ka inonontshang ka yone.

A re boleng teng jwa bomme bo tshwanetse ka dinako tsotlhe jwa bonala mme e bile e  le jo bo eletsegang.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Siviya, Rre Bakani Badziili a re letsatsi leo le botlhokwa ka jaana le thusa go bula batho ditlhaloganyo mme ba kgone go fetola ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng.

Mokhanselara Badziili o ne a gwetlha bomme go emana nokeng, a re go le gantsi mo mehameng ka go farologana bomme ba felela ba saletse kwa morago ka go bo ba sa emane nokeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Siviya

Event : Ipelelo letsatsi la bomme

Date : 15 Mar 2018