Ba itshwaragantse go tokafatsa maitsholo
14 Mar 2018
Ba mokgatlho wa Re a Nyalana ba ikgolagantse le ba ofisi ya molaodi wa Kgatleng ba ne ba tshwere thuto-puisanyo e mo go yone go neng go abelanwa maele go tokafatsa maitsholo kwa Mochudi.
Mothusa molaodi, Mme Lydia Keatlholetswe a re e le ba ofisi ya ga molaodi ba tshwentswe ke go gola ga dipolaano tsa baratani, kgokgontsho le maitsholo a a sa jeseng diwelang mo kgaolong ya Kgatleng.
A re ba itemogetse fa malapa ka bontsi mo kgaolong a sa tsoga, e le ka ntlha ya botlhoka tsebe jwa banana.
Mme Keatlholetswe o ne a tswelela a tlhalosa fa ba tshwentswe ke boitshwaro jwa banana jo bo duleng mo taolong jo bo felelang bo tla ka ditlamorago tse di tshwanang le dipolaano.
A re ka fa maitshwaro a sa jeseng diwelang ka teng, ke nako jaanong ya gore go kopiwe kgakololo mo go Ramasedi.
Mme Keatlholetswe o gwetlhile batsaya karolo go tla ka ditsela le mananeo a go tokafatsa boitshwaro mo Kgatleng.
O ne a kopa batsadi go tsaya boikarabelo mo malapeng a bone le mo ditirong go lwantsha dikgang tsa botlhokatsebe.
Mosimolodi wa mokgatlho wa Re a Nyalana Mme Annah Morwaagole a re thuto-puisanyo e tlaa tswa ka mananeo le megopolo ya go tokafatsa boitshwaro.
A re e le ba Re a nyalana ba tshwenngwa ke dikgang tsa botlhokatsebe, tsa kgokgontsho le tsa dipolaano.
O ne a tlhalosa fa e le nako ya go aga setshaba sa Botswana gore ba ba tlang fa morago ba tle ba kgone go nna setshaba se se kutlo.
Mme Morwaagole a re o tshwentswe ke dipalo tsa tlhalo tse di golang mo Botswana.
A re se se supa fa batho ba tsena mo kgolaganong ya lenyalo ba sa ipaakanya sentle gape ba sa rutwa ka lenyalo.
Mme Morwaagole a re o eletsa fa ofisi ya ga molaodi e ka fa banyalani dithuto ka lenyalo pele ga ba ka tsena mo nyalong go itsa palo ya ditlhalano go ya magoletsa.
O ne a rotloetsa batsaya karolo go dira mananeo a a nonotshang lenyalo, ka lenyalo le tswa kwa Modimong, ka jalo le tshwanetse go fiwa tlotlo le seriti.
Fa a akgwa mothusa molaodi kgaba, kgosi ya Mmathubudukwane, Kgosi Michael Balebetse a re boitshwaro jwa banana ga bo jese diwelang e bile bo ba tlhokisa boroko.
Kgosi Balebetse a re tiriso ya ditagi le bojalwa ke dingwe tsa dilo tse di bakang boitshwaro jo bo duleng mo tseleng.
O ne a tswelela a tlhalosa gore lefelo le bana ba golelang mo go lone le lone le na le seabe mo boitshwarong jwa banana ka gore bana ba tlaa bo ba kopa se se dirwang ke batsadi ba bo ba gola ka mokgwa wa teng.
Kgosi Balebetse a re batsadi ba tshwanetse go tsaya karolo mo kgodisong ya bana mme ba tsee boikarabelo go tlhokomela bana.
“Tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatlileng teng, ka jalo a re nneng dikao tse di siameng mo baneng ba rona,” a tshwaela.
Moruti Moratiwa Tshukudu wa kereke ya Assemblies of God o lebogetse thuto-puisanyo a re e tsile go tswa ka maduo a mantle.
O ne a re leina le lentle le a itirelwa, ka jalo botsadi bo tshwanetse go nna sekao mo baneng gore ba nne le maitshwaro a mantle.
Moruti Tshukudu a re lefoko la Modimo le botlhokwa ka e ke lone lebone la botshelo mme bana ba tshwanetse go godisediwa mo molaong wa Modimo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Malebo Rakanyane
Location : Mochudi
Event : Thuto Puisanyo
Date : 14 Mar 2018






