Breaking News

Ipelafatseng ka go abelana - Tlhalerwa

14 Mar 2018

Batswana ba gwetlhilwe go ipelafatsa ka go abelana le ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. 

Mafoko ao a builwe ke mothusa modulasetilo wa khansele-potlana ya Mahalapye, Rre Timothy Tlhalerwa fa a rola ntlo ya bo 825 e e agilweng ka lenaneo la mokgosi wa ga Tautona Lt Gen Dr Seretse Khama Ian Khama kwa Kalamare kgwedi eno e le lesome le boraro.

Pele ga a rola ntlo eo, Rre Tlhalerwa o ne a re ke boitumelo go bona ba dikole tsa ditiro tsa diatla tsa Mahalapye le Madiba ba lemoga botlhoki jwa mongwe ka bone. 

Rre Tlhalerwa a re lenaneo la ga Tautona Khama la go aga matlo le diragadiwa ka thuso ya dikompone, mekgatlho le bangwe go tswa mo morafeng ka bongwe ka bongwe.

Rre Tlhalerwa a re go molemo go bona ba dikole tsoo pedi ba ile ba itlama go thusa Rre Tshepiso Matsuatsue yo ba lemogileng letlhoko la gagwe ka nako ya fa a le moithuti kwa sekoleng sa tiro ya diatla sa Mahalapye.  

O tsweletse a rotloetsa morafe wa Kalamare gore tiro e e dirilweng ke dikole tsa ithutelo ditiro tsa diatla go tswa kwa Mahalapye e nne kgwetlho mo go bone gore kamoso ba dire sengwe go thusa bangwe ka bone. “Ke eletsa gore rotlhe re gwetlhiwe ke letlhoko la baagisanyi ba rona, mme re nne le seabe mo go tlhabololeng matshelo a bone.”

Rre Tlhalerwa o rotloeditse Batswana go nna motlotlo le go ipelafatsa ka go direla kana go thusa ba ba senang lesego la go nna le thata le ditlamelo tsa go tlhabolola matshelo a bone. 

Mookamedi wa dikole tsa tiro ya diatla tsa Madiba le Mahalapye, Rre Leabile Phepheng o tlhalositse gore Rre Matsuatsue ke moithuti wa pele wa sekole sa tiro ya diatla sa Mahalapye Brigades, ka jalo ba sale ba lemogile seemo sa gagwe sa botshelo ka nako eo. 

Rre Phepheng a re ba ne ba seka ba ipona tsapa, ba nna tsebe ntlha go utlwa mokgosi wa ga Tautona Khama wa gore Batswana ba eme ka dinao go thusa ka go aga matlo.

Rre Phepheng o lebogile botlhe ba ba nnileng le seabe gore tiro ya bone e wele jaaka ba ne ba eleditse, a tlatsa ka go re ba kgonne jalo ba tlhotlhelediwa ke mowa wa lorato. 

A re ba kgonne jalo ka thuso ya dikompone le bangwe go tswa mo morafeng.

 O supile gape gore baithuti ba pele ba ba neng ba tsena le Rre Matsuatsue ba nnile le seabe mo kagong ya ntlo eo.

Kgosi wa Kalamare, Rre Goareng Mosinyi a re go botlhokwa go bona Batswana ba tsweletse ka mowa wa bopelotlhomogi ba abelana. 

Kgosi Mosinyi a re le fa Tautona Khama a digela lebaka la go etelela pele e le Tautona kgwedi eno e ya fifing, o solofeditse gore o tlaa tsweledisa lenaneo la go thusa ka go agela Batswana matlo. 

Kgosi Mosinyi o akgotse botlhe ba ba nnileng le seabe mo kagong ya ntlo eo, segolo bogolo banana ba ba neng ba tsena sekole le Rre Matsuatsue.

Mo mafokong a gagwe a malebo, Rre Matsuatsue o supile fa e le ene wa ntlha mo lwapeng la bana ba le bararo. 

O supile gore maikutlo a gagwe a tletse ka boitumelo ka jalo ga a kake a nna le mafoko a mantsi fa e se fela go lebogela thuso e ba e filweng.

E rile a bua mo boemong jwa morafe, moemedi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Neo Kgatampi a tswelela ka go ntsha mafoko a malebo a a lebisa kwa go ba ba nnileng le seabe mo kagong ya ntlo, ka jalo a rotloetsa ba ba agetsweng go tlhokomela mpho ya bone. 

Mme Kgatampi a re tiro ya mofuta o ke thuto, e tshwanetse ya amogelwa ke botlhe gore tshaba ya Botswana e tswelele pele. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : Kalamare

Event : Kabo Ya Ntlo

Date : 14 Mar 2018