Monna o fitlhetswe a akgega
14 Mar 2018
Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome mararo le bone wa kgotla ya Magapatona kwa Tutume a fitlhetsweng a akgega mo setlhareng kwa Senete ka Labotlhano.
Mogolwane wa mapodisi a Tutume, Superintendent Jerry Halahala, a re monna yoo o dirisitse mogala go ikgapela botshelo, mme a tlhalosa fa a tlogetse molaetsa o o reng mosadi a sale a tlhokomela bana.
Superintendent Halahala o boletse fa rre yoo a bonwe ke batho ba ba neng ba le mo patlong ya gagwe morago ga go amogela molaetsa kwa tshingwaneng ya gagwe gone kwa Senete, sekgelenyana go tswa fa lelwapeng la gagwe.
A re tiragalo eo ba e begetswe ka Labotlhano phakela mme ba ne ba ragogela kwa lefelong la tiragalo.
Ba ne ba ragosetsa monna yoo kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng fa a tlhokafetse.
Setopo se kwa setsidifatseng sa kokelo ya Tutume go tlhatlhojwa ke dingaka.
Superintendent Halahala a re o tshwentswe ke ditiragalo tsa go ipolaya mo kgaolong ya gagwe, a tlhalosa fa e le tiragalo ya bobedi morago ga beke.
O gateletse gore go ipolaya ga se go rarabolola mathata, mme ke go tsisa mahutsana mo go ba ba salang. O kopile batho go nna ba kopa thuso mo bathong ba bangwe go na le go tsaya ditshwetso tse di tsisang bohutsana mo go ba ba salang.
Mo go tse dingwe, Superintendent Halahala a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mosimane wa dingwaga tse di borobabobedi go netefaditswe a tlhokafetse morago ga go nwela mo bodibeng kwa Maitengwe.
A re mosimane yoo o ne a bala lokwalo lwa bobedi kwa sekoleng se sebotlana sa Mengwe mme o ne a na le ba bangwe ba tshameka gone kwa lefelong leo le le emeng metsi.
O boletse gore pele ba ne ba begetswe fa ngwana yoo a sa bonwe mme a ya go bonwa ka Matlhatso.
A re ba ne ba ragosetsa mosimane yoo kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng fa a tlhokafetse. Setopo se kwa setsidifatsing sa Kagiso go tlhatlhojwa ke ba bongaka.
Superintendent Halahala o ikuetse mo batsading go tlhokomela le go laola metsamao ya bana ka metsi a eme gongwe le gongwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Potsolotso
Date : 14 Mar 2018






