Breaking News

BMD e amogela maloko a masha

13 Mar 2018

E rile ka Tshipi ba Botswana Movement for Democracy (BMD) ba bo ba amogela semmuso maloko a masha mo Lerala ga mmogo le mokhanselara wa kgaolwana ya Lerala Botlhaba, Rre Kabo Ketshogile.


Fa a bua kwa phuthegong eo ya go amogela maloko,  moeteledipele wa diphathi tse di kopaneng tsa Umbrella for Democratic Change (UDC), Advocate Duma Boko o ne a re tshwetso e e tserweng ke Rre Kabo Ketshogile ke e e maleba e bile go bonala a na le tebelopele.


A re Rre Ketshogile o kgathala ka batlhophi ba Lerala ka a nyoretswe ditlhabololo. O ne a bolela fa banni ba sa bolo go ikuela mo pusong ba kopa ditlhabololo di tshwana le sepatela, ditsela tse di mo gare ga motse le mesele e e tsamaisang metsi, bogolo jang ka dinako tsa dipula mme nako kgolo ke eno.


Advocate Boko a re madi a dituelo tsa badiri mo lefatsheng leno ga a a lekana ka a tlhaelela kgakala mme ditlhwatlhwa di le kwa godimo ntswa puso e tsweletse e re e nyeletsa lehuma. A re UDC fa e sena go tsaya puso ga gona Motswana ope yo o tlaa amogelang kwa tlase ga P3 000 ka kgwedi.


Modulasetilo wa banana ba BMD, Rre Alfred Ntshonono o ne a kopa ba UDC go tlhoafalela go oka maloko a phathi ya UDC ka dipalo tse di kwa godimo. A re ba tshwanetse gore ba seka ba kgoba kgetsi ba tsaya fa tsotlhe di tlaa siama mme ba direle diphathi tsa bone.


Fa a amogela boloko jwa BMD mo boemong jwa maloko a mangwe, Rre Ketshogile o ne a rurifatsa fa a tlaa dira ka natla go oka maloko a mantsi mo motseng wa Lerala.


O ne a solofetsa banni ba Lerala fa a tlaa tswelela a lwela ditlhabololo tsa bone a re ba seka ba tsenwa ke tsebetsebe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Phuthego

Date : 13 Mar 2018