Breaking News

Mokgatlho wa BMW o gopola batlhoki

13 Mar 2018

Mokgatlho wa bakgweetsi ba dikoloi tsa modiro wa BMW ba abetse batlhoki diaparo le tse di tlhapang kwa kgotleng ya Shashe mo Maun.


Fa a rola dilwana tseo, moanamisa mafoko wa mokgatlho oo, Rre Bobby Ntheetsang a re ba bone go tshwanela go leba ba ba tlhokileng lesego.


A re seo ke go supa fa bapalami ba dikoloi le bone ba kgathala ka matshelo a batho ba kgaolo e ba leng mo go yone.


O tlhalositse fa e se la ntlha ba thusa kwa kgotleng eo, a supa fa go boela gape teng e le tshimolodiso ya botsalano jo bo nonofileng.


 O kopile bogogi jwa Shashe gore ka dinako tsotlhe fa go na le sepe fela se se dirwang mo kgotleng eo ba itsesiwe gore le bone ba tsee karolo.


A re le bone ba mo motlhaleng wa ga Tautona wa gore go gopolwe ba ba senang sepe ka maikaelelo a go ba naya seriti.


Rre Ntheetsang a re ba motlotlo ka jaana go le gantsi ba tsibogela dikopo, a supa fa ba kile ba aba madi a mmele mo Maun morago ga gore tona wa botsogo le boitekanelo,  Mme Dorcas Makgato a tlhabe mokgosi.


A re ka nako eo, ba ne ba kgona go kopa dithuso mme ke ka moo ba kgonneng go abela banni ba Shashe dimpho.


O supile gape fa mokgatlho wa bone o na le maloko a mantsi a a berekang.


A re seo se ba direla tiro motlhofo ka jaana botlhe ba ititeile sehuba gore ba batla go dira pharologanyo mo matshelong a Batswana.


 E rile a akgela, Kgosi Princeloo Shashe wa kgotla eo o boletse fa a sa itumedisiwa ke go nna boutsana ga banni kwa tirong eo mme a supa ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ka monwana a re o belaela taletso ya bone e sa dirwa sentle.


Le fa go ntse jalo, o ne a lebogela dimpho tseo a bo a kopa le mekgatlho e mengwe go tsaya malebela.


A  re go a itumedisa go bona Motswana a kgona go leba mongwe ka ene, a tlhalosa fa kwa  mafatsheng a mangwe dilo tsa go nna jalo di se motlhofo go dirwa.


O gwetlhile Batswana ka kakaretso go tswelela ka mowa o montle le go tshegetsa Setswana se se reng matlo go sha mabapi, a tlatsa ka go re bontsi jwa maloko a mokagtlho oo ga ba tswe mo Maun.  


Kgosi Shashe a re go thusa yo o tlhokileng go thusa le gone go bolaya dikakanyo tsa borukutlhi ka jaana baamogedi jaanong ba tlaa boa ba bone tse ba di tlhokang.


O kgothaditse maloko a mokgatlho go tlhokomela batsadi ga mmogo le malwapa a bone ka seo se supa boikarabelo mo setshabeng.


Kwa bokhutlong, o gwetlhile banni ba Shahse go tla ka dipalo tse di kwa godimo fa go na le pitso, a tlatsa ka go re go sa tsibogeleng ditirelo go tlaa kgoba marapo ba ba ka ba namolang mo lehumeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : MAUN

Event : Kabo dimpho

Date : 13 Mar 2018