Breaking News

Men sector e rutwa ka ditlhopho

13 Mar 2018

Maloko a mokgatlho wa Men Sector kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng a ne a tlhatlhelelwa ka botlhokwa jwa go tlhopha kwa thuto-puisanyong ke ba lekgotla la ditlhopho.


Mogolwane wa ofisi ya ditlhopho, Mme Kefilwe Marule o ne a supa fa tlhopho e le yone e fang batlhophi go itlhophela puso e ba e ratang, a supa fa tlhopho e le yone e laolang ditlhwatlhwa tsa leokwane, dijo le melemo.


O tlhalositse fa batho bangwe ba kgona go ikgantsha ka go ikgatholosa ditlhopho, a supa fa ba ba tlhophang ba tlaa ba tseela tshwetso ya gore ba emelwa ke mang, le gore fa ba sa rate moemedi wa bone, ba tlaa tshwanela go itshoka dingwaga di le tlhano gore ba mo ntshe mo setilong, selo se a tlhalositseng fa ba ne ba ka se tila ka go tsaya karolo mo ditlhophong.


Mme Marule o tlhalositse fa kgang ya sepolotiki e ama sengwe le sengwe, a tlhalosa fa kwa mafatsheng a mangwe fa go kgobokanweng teng go lowa.


O tlhalosistse gore mo pusong ya batho ka batho go tshwanetse ga nna le therisano, go bua kgatlhanong le sa tshabe ope, go tshelwa mmogo mme ba na le dipharologanyo, lefatshe le tsamaisiwa ka molao, go tshwarwe ditlhopho gape mofenyi e nne yo o gaisitseng botlhe.


Mme Marule o ne a tlhalosa fa go na le kgonagalo ya gore ditlhopho tse di tlang go dirisiwe motshine o o tlhophisang, a tlhalosa fa go santse go na le kgang ya gore bangwe ba belaela gore motshine oo o ka dirisiwa go tsietsa mo ditlhophong.


 O tlhalositse gore le fa ba santse ba letile gore kgang e fele kwa kgotleng ya ditsheko, go botlhokwa gore ba rutwe ka motshine o.


O boletse fa ikwadiso ya gompieno e tlaa laolwa ke nomore ya kwa motlhophi a nnang teng, e seng kwa a beilweng teng.


O kaile fa gompieno ikwadisetso ditlhopho e tlaa tshwarwa gangwefela mme e tlaa bo e buletswe sebaka sa dikgwedi tse pedi, go simolola ka Lwetse a tlhola gatlhano go fitlha Ngwanatsele a le lesome le bongwe.


Mme Marule o ne a tlhalosa fa ka nako ya ditlhopho go tlaa nna le metshine e e laolang gore motlhophi o ka tlhopha, mme o tlaa laelwa ke batlhophisi gore a simolole go tlhopha ka go tobetsa motshine.


O boletse gape gore fa motlhophi a sena go tlhopha, go tlaa nna le pampiri e e supang gore motlhophi o tlhophile, mme e tlaa bo e tsena mo lebokosong la tlhopho.


Fa ba tswa la bone, batsayakarolo mo thuto-puisanyong eo ba ne ba tlhalosa fa go na le badirelapuso bangwe ba ba sa kgoneng go tlhopha ka ntlha ya gore ga ba fiwe sebaka seo.


Bangwe ba ne ba supa fa badirelapuso ba iketlile thata ba seke ba tsaya karolo mo go tlhopheng.


Ba ntshitse matshwenyego a gore batho ba le bantsi dikarata tsa bone tsa Omang di fela ngwaga o, ba supa fa se se tlaa ama ikwadisetso ditlhopho.


E rile a afa malebogo, modulasetilo wa komiti ya Man Sector kwa Letlhakeng, Rre Olebile Kolojane a supa fa ba itumeletse dithuto tsa ba lekgotla la IEC, a tlhalosa fa ba tlaa di fetisetsa kwa go ba bangwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : thuto-puisanyo

Date : 13 Mar 2018