Breaking News

Go dira tiro ka matshetla go na le maduo

12 Mar 2018

Go dira tiro nngwe le nngwe ka mashetla go na le maduo a mantle.

Mme Keitshepile Maphorisa wa kgotla ya Magapatona kwa Tutume o tshela kamoono oo.

Mo potsolotsong le BOPA,Mme Maphorisa yo o dingwaga di masome mararo le bosupa a re o simolotse go rokela batho ditlhako morago ga go rutwa tiro eo ke mme mongwe kwa Francistown.

A re e rile a tsena kwa Tutume a seka a re kamoso a simolola go roka a direla kwa lelwapeng la gagwe mme a lemoga fa batho ba sa kgone go mo lemoga sentle gore go na le setswerere sa thoko kwa Tutume.

Ke ka moo a neng a bona go tshwanela go batla lefelo kwa marekisetsong a motse go direla teng.

O boletse fa koo a ne a atlega ka gore ka letsatsi o ne a kgona go bona palo e ntsinyana ya batho ba ba tsisang ditlhako, ka jalo madi a simolola go tsena mme a kgona go bona sengwe se se ka isiwang kwa maleng.

Mme Maphorisa a re kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle e bile o kgonne go aga ntlo ka madi a a a a bonang, le go tsenya bana ba gagwe sekole, a supa fa a kgona go dira P1 500 ka kgwedi.

A re o kile a leka go kopa thuso kwa go ba nyeletso lehuma go atolosa kgwebo ya gagwe mme o ne a seka a atlega ka ba boletse fa ene a tsweletse sentle le botshelo jwa gagwe bo le botoka.

O ne a bolela fa a kopana le dikgwetlho di tshwana le tsa batho ba ba tsisang ditlhako ba bo ba tsamaela ruri e bo e sala e nna morwalo mo go ene, bangwe ba sa duele gape bangwe ba kgona go boa morago ga ngwaga go batla ditlhako tsa bone.

Mo gongwe a re batho ba na le go tsisa ditlhako tse di leswe bogolo jang mo diretheng mme e re a ba gakolola ba omane.

O boletse gore nako e nngwe o felela a abela bangwe ba ba tlhokang ditlhako tse di tsayang nako di sa tsewe fa a setse a bona di digela dingwaga tse pedi.

Rre Batshani Bakwena yo o rokang ditlhako tsa gagwe kwa ga Mme Maphorisa o ne a galaletsa tiro e e dirwang ke Mme Maphorisa a re pele o ne a sa dumele fa motho wa mme a ka roka ditlhako ka e ne e le tiro e e tlwaelesegileng e dirwa ke borre.

Rre Bakwena a re o nna a  isa ditlhako go tsenngwa serethe le go rokwa mme ga a ise a belaele sepe e bile thoko ya teng e gaisa le ya banna tota.

A re ka ene a direla kwa Tutume mme a nna kwa Nkange, o nna a laela batho go ya go roka kwa ga Mme Maphorisa ka a dumela mo tirong ya gagwe.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tut

Event : Potsolotso

Date : 12 Mar 2018