Breaking News

Mopalamente o tlhalosa ka madi a dikgaolo tsa botlhophi

12 Mar 2018

 Mopalamente wa Maun Botlhaba, Rre Konstantinos Markus o tlhalositse fa madi a dikgaolo tsa botlhophi a le mo taolong ya mopalamente ka ke ene a itseng letlhoko la dikgaolwana tsa gagwe ka go farologana.

Rre Markus o buile seo fa a ne a buisa boeteledipele jwa kgaolo ya gagwe ka Labone mo Maun.

A re jaaka e le moeteledipele wa Maun Botlhaba, o bonye go le botoka gore sephatlo sa madi ao a ngwaga ono wa ditlhabololo se dirisiwe go dira tsela ya Disaneng.

Rre Markus o ne a re o bonye go le botlhokwa gore madi ao a tsweledise ditiro tse di setseng di simolotswe go na le tse di iseng di simololwe.

A tlhalosa fa madi a a neng a ntshitswe go le pele a ne a sa dirisiwa sentle ka a ne a ngathogantswe dikgotlana, mme a re seo se ka se ka sa fetsa dikgwetlho tsa dikgaolwana ka nako.

Ka jalo a tlhalosa fa ba tlaa dira mo go tshwanang mo nakong e e tlang ka go thusa kgaolwana nngwe ya botlhophi ka P5 million.

Rre Markus a re phuthego eo, e gwetlhilwe ke dingongorego tse a di utlwaletseng go tswa mo baeteleding pele ba kgaolo eo, bogolo jang makhanselara.

Le fa go ntse jalo, makhanselara ba ne ba supa fa e le boammaaruri ba ngongoregile ka kgaogano ya madi ao, ka ba re mopalamente o tsile a feditse mogopolo sa gagwe e le go ba begela kgang fela.

Mokhanselara wa Mababe/Khwai, Rre Kebareeditse Ntsogotho o ne a re mopalamente o tsere tshwetso a le nosi mme e bile seo ke sone se ba se boleletseng batho.

Mokhanselara wa Sankoyo/Shorobe, Rre Oabile Chombo le ene o ne a re mopalamente o ba lekodisitse ka kgaogano ya madi ao a setse a tsere tshwetso, se a reng ga se ka fa tshwanelong mme a tlatsa ka go re go setse go dirilwe ba tlaa gatela pele.

Ba bogosi le bone ba ne ba tshwaela gore tshwetso e tserwe mme go agisanwe go ya pele.

Kgosi wa Phuduhudu, Kgosi Johane Ngwangare ene o ne a gakolola gore boeteledipele jwa dikgaolwana ba itshwarele mopalamente ba amogele diphetogo tseo ba bone gore di tlaa ba isa kae.

Kgosi wa Shorobe, Kgosi Gaditshwane Mmutle le ene o ne a gakolola boeteledipele joo gore ba tshwaragane, a re ditlhabololo ke tiro e kgolo e e tsayang sebaka e bile a re madi ao a tla ngwaga mongwe le mongwe wa madi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Phuthego

Date : 12 Mar 2018