Banana ba gakololwa go tsaya boikarabelo ka botsogo
12 Mar 2018
Banana ba gakolotswe fa botsogo e le boikarabelo jwa bone go tlhomamisa gore ba tshela ba itekanetse e bile ba sa tshelele ka fa tlase ga kgokgontsho.
Seo se builwe ke Mme Masego Masunga go tswa kwa Cresta Bosele Hotel kwa moletlong wa Month of Youth Against AIDS MYAA o o neng o rulagantswe ke ba sepodise sa Selebi Phikwe kwa Botshabelo mo Selebi Phikwe.
Mme Masunga o ne a supa fa dipalo tsa banana mo Botswana e le tsone tse di kwa godimo, ka jalo ba tshwanetse go itsaya ka tlhoafalo ka e le bone baeteledipele ba kamoso.
Mme Masunga o ne a supa fa puso e tlhamile mananeo a mantsi a banana ba ka itlhamelang ditiro ka one, mme se se dire gore ba thape banana ba bangwe.
Mme Masunga o ne a ba rotloetsa go dirisa mananeo ka tlhoafalo ka a ka ba ntsha mo lehumeng le le ka dirang gore ba iphitlhele e le ba-tswa setlhabelo mo go angweng ke mogare wa HIV/AIDS le kgokgontsho ka lebaka la go batla madi.
O ne gape a supa fa puso e butse dikokelo tse di itebagantseng le banana gore ba kgone go phuthologa go bua ka botsogo jwa bone go sena kgatelelo epe.
Mme Masunga o ne a supa fa mo nakong ya gompieno tiriso ya maranyane a segompieno a tshwana le a Facebook le WhatsApp e le kwa godimo thata, ka jalo batho ba tsaya nako e ntsi ba e dirisa mme se se dira gore batsadi le bana ba seka ba nna le nako ya go neelana maele a botshelo.
O ne a kgothatsa banana go nna kelotlhoko fa ba dirisa maranyane ka ba ka iphitlhela ba tsene mo dilong tse di ka sekang tsa ba solegela molemo, gape a supa fa mo nakong ya gompieno bana ba ba kwa tlase ka dingwaga e le bone ba ba tsholang bana ka dipalo tse di kwa godimo mme se se ba baya mo diphatseng tsa go tsenwa ke HIV.
Mme Portia Jakoba yo e leng mooki kwa sepateleng se sebotlana sa Botshabelo o ne a rotloetsa bomme go tsaya kgato go itlhatlhobela kankere ya molomo wa popelo ka go lemotshegile e ama bomme ka bontsi.
Mme Jakoba o supile fa boitshwaro jo e seng jone bo tshwana le go goga motsoko le tlhakanelo dikobo e e sa sireletsegang di ka dira gore motho a iphitlhele a tsenwe ke mogare wa kankere.
Kwa bofelong Supritendent Gothusang Badubi o ne a gakolola bomme ba banana go ema ka dinao go itse ditshwanelo tsa bone ka e le bone thari ya setshaba.
Supritendent Badubi o ne a supa fa ba tshwanetse go nna sekao mo baneng ba ba santseng ba gola. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Month of Youth Against AIDS
Date : 12 Mar 2018






