Breaking News

Masisi o rotloetsa bakgweetsi ba matona

11 Mar 2018

Mothusa Tautona, Rre Mokgweetsi Masisi o kgothaditse bakgweetsi ba matona a puso go tswelela ba dira ka natla mo tirong.

Mothusa Tautona, yo o saleng a simolotse go ora molelo le bakgweetsi ba ka 2010, o supile jalo gore borre ba ba na le seabe se setona mo go ageng puso ya batho ka batho.

E rile a kopane le bone gape mo maitseboeng a Matlhatso Mopitlo 10, kwa kgotleng ya dikago tsa Water Affairs mo Gaborone, Rre Masisi a tlhalosa gore seabe sa bakgweetsi se segolo ka ba kgweetsa baeteledipele ba ba romilweng ke Batswana gore ba ise lefatshe kwa pele.

Rre Masisi o solofeditse bakgweetsi  gore le fa a se kotama sa botautona Moranang a rogwa o tlaa tswelela a nna meriti le bone.

 “Nna le lona ga re ye go kgaogana. Kana lo ntse lo le bangwe ba ba ntataisang mo moweng ka le ne le kgweetsa bakaulenngwe ba me ba ba ntseng ba ntataisa,” a bua jalo.

Mothusa Tautona o ne a bolelela borre bao ba bakgweetsi ba ba neng ba tletse kgotla gore fa a tsaya boikarabelo jwa go nna Tautona ba tswelele ka go dirisanya ka mowa o montle le go rarabolola dikgang tsa bone sentle go sena dikgotlhang.

“Ke solofela gore ga le kake la ntatlha. Le dikgang tsa lona re ya go tswelela re ntse re itebaganya natso. Kana le nna ke kwatabolotsa mo go lona,” Mothusa tona a bua jalo a kopa kemo nokeng.

O ba akgoletse tiro e ntle e ba e dirang, a supa gore ba ba dirang le bone ebong matona a puso ba itumelela tiro ya bone.

“Mo molao-motheong lo ka tswa lo sa kwalwa, mme lo mo dibukeng tsa me le ba lo ba direlang. Jaanong le bontlha bongwe jwa karolo e tona ya babereki ba Botswana ba ba direlang lefatshe le bontle jo bo kanakana jo. Ke le lebogela ledula le la lona le.”

Rre Masisi o supile jalo gore o tlhaloganya dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo tirong ya bone, ka jalo o ba rotloetsa gore ba tswelele ba di rarabolole ka kagiso.

“Botswana yo, ke wa rona rotlhe, ka jalo re tshwanelwa ke go bua dikgang tsa rona mo lekgotleng. Ke le lebogela go tlotla morero. Kana tota mo mafatsheng a mangwe ba a bapolana go bo go tsoge dintwa go tuke go bo go lore, bangwe ba ye lejwa,” a tlhalosa.

Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa mokgatlho wa bakgweetsi ba matona a puso, Rre Kagiso Letsholo o lebogetse Rre Masisi go tla go nna le bone jaaka gale. “Go goroga ga gago ka 2010 go ne ga dira pharologanyo mo go rona.” 

Rre Letsholo o supile gore Mothusa Tautona o thusitse bakgweetsi ka go nna meriti le bone a reetsa dikgwetlho tsa bone. “Go re fa lerato la gago le nako y go ile ga nna kgothatso mo go rona mme ga re lebatsa gore tiro ya rona e bokete go le kana kang,” a tlhalosa.

Ka jalo a mo eleletsa masego le matlhogonolo mo tirong ya gagwe e a tlaa tsenang mo go yone ka Moranang. Morago ga go itekodisa Mothusa Tona, bakgweetsi ba ne ba kgaogana selalelo se ba neng ba se reketswe Rre Masisi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Gaborone

Event : Maitiso

Date : 11 Mar 2018