Breaking News

Go tsaya kalafi ka tlhoafalo go molemo

11 Mar 2018

Dintsho dingwe tsa batho di bakwa ke gore bangwe balwetse ba tlogela kalafi, fa bangwe  ba sa tsee kalafi sentle, ba bangwe bone ba e kopanya le bojalwa.

Mookamela madirelo a Mamasi investment, Rre Jacob Masima o boletse jaana ka letsatsi la go ipelela botsogo kwa Semitwe mo kgaolong-potlana ya Tutume ka Labotlhano Mopitlo 9. 

A re malwetse mangwe a a sa tshelanweng a ka thibelwa a laolesega mme batho bangwe ba na  le go ikgatholosa go tsaya kalafi.

A re gape bangwe ba na le go tsaya kalafi ka fa ntlheng e nngwe ba itontela majalwa a a titielwang mo malwapeng a a tswakantsweng ka metswako e e borai mo botsogong, selo se a kaileng se le borai.

O boletse fa go nna le tumelo le tshepho mo kalafing e le ntlha nngwe e e ka oketsang malatsi a botshelo jwa motho, a gatelela gore sengwe se se okeletsang batho makoa le go latlhegelwa ke tshepho ke gore fa ba tshwerwe ka bolwetse ba nna le mowa wa boitlhobogo gore malatsi a bone a botshelo a fedile mme go sa nna jalo ba ka tshela dingwaga tse dintsi fa ba obamela ditaelo tsa bongaka. 

Rre Masima o a re fa motho a tlelwa ke mowa wa boitlhobogo mo botshelong o simolola go inaakanya le dilo tse di sa siamang tse di felelang di mmakela tse dintsi. O ne a ba kopa go nna ba etela dikokelo ka dinako tsotlhe go itekodisa le fa ba sa lwale gore fa go na le makoa mangwe a kgone go thibelwa nako e santse e le teng.

O supile gore go itlhatlhoba, go tsaya melemo sentle le go ja sentle mo go lekanetseng le go fokotsa tiriso ya mafura le letswai ke dingwe dintlha tsa konokono mo botsogong jwa motho, ka jalo a ba rotloetsa go ja dijo tse di nang le moroko le merogo le go itshidila mmele.

Mooki wa kokelwana ya Marapong, Mme Chidzani Boy a re maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go ruta batho ka mokgwa le thibelo ya malwetse a a sa tshelanweng.

A re gape e ne e le go tla go abelana maele ka fa batho ba ka tshelang ka teng go atolosa malatsi a botshelo fa ba tshela ka makoa a malwetse a go nna jalo.

Mo gongwe, Mme Boy o ne a tsibosa batho ka bodiphatsa jwa tiriso botlhaswa ya dinotagi tse di felelang di baka makoa mo mmeleng wa motho. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : SEMITWE

Event : Letsatsi La Ipelelo Botsogo

Date : 11 Mar 2018