Sekole sa Kgagodi se tokafatsa maduo
11 Mar 2018
Barutabana, batsadi le bana ba sekole se sebotlana sa Kgagodi ba ne ba thulantse ditlhogo go tswa ka maano a ba ka tokafatsang maduo.
Se se tla jaana morago ga gore Morutabana Odireleng Ramolelekwane wa sekole seo a kopane le mongwe wa barutabana ba sekole sa St Gabriel kwa Serowe yo ba neng ba abelana maele a ka fa ba kgonang ka teng go ntsha maduo a a nametsang pelo.
Rre Ramolelekwane a re mo puisanong ya bone ba ne ba fana maele a gore, kwa sekoleng sa bone ba simolodisitse lenaneo la thuto le le akaretsang morutabana, motsadi le ngwana le le bidiwang Home Remedial le ka lone boraro joo ba nang le seabe mo thutong.
Rre Ramolelekwane a re go lemoga seo, o ne a bona fa lenaneo leo le le bogadi bo gaufi mo go ntsheng le go tokafatsa maduo, ka le epolola bokgoni botlhale le botswerere jo moithuti a nang le jone.
Ene le bangwe ka ene ba ne ba tlhalosa ka fa lenaneo leo le yang go bereka ka teng.
Kgang eo ya tshimolodiso lenaneo e ne ya buisanngwa ka lobaka mme ya wela ka gore go simololwe gone jaana, go na le go simolola setlha se se tlang ka seo se ka baya batsadi ka fa mosing wa gore ba bo ba lebetse se ba se rutilweng.
Modulasetilo wa lekgotla la batsadi le barutabana wa sekole seo, Mme Olebeng Kanje o ne a kgothatsa batsadi go kopanela kgodiso ya bana le go tiisa tirisano mmogo fa gare ga bone le barutabana, jaaka go lemosegile gore thuto ya lefatshe leno e agilwe ka boraro, ebong morutabana, motsadi le ngwana.
Mo dikgannyeng tseo, batsadi ba ne ba fiwa sebaka go tla ka tse ba bonang e le dilabe mo tsamaisong ya go ruta, tse mo go tsone ba supileng fa go tlhoka go itse go bala le go kwala e le mathata a bone, seo se bo se dira gore e ne e kare ba itlhokomolositse tiro ya ngwana.
Ba ne gape ba re kgokgontsho ya bana kwa malapeng le mo sekoleng le yone e ka nna le seabe mo go digeleng seemo sa maduo kwa tlase, segolo jang ba remeletse mo goreng batsadi bangwe ga ba tsee boikarabelo jwa go bona gore a ngwana o ya sekoleng a jele le yone paka ya sekole e le mo seemong se se siameng.
Ba ne gape ba re batsadi ba tsee boikarabelo jwa go laola dinako tsa go lebelela ditshwantsho tsa motshikhinyego ga bana, gore ba dirise nako e ntsi mo tirong ya sekole. Batsadi ba ne gape ba re go nna ga bana ba le nosi, batsadi ba le kwa masimo le kwa merakeng le gone go na le seabe sa kwelo tlase ya maduo.
Ntlha e nngwe e ba neng ba e ama ke ya tlhaelo ya dibuka, ba re dibuka di tlhaela thata. Se sengwe gape ba ne ba re dipampiri tsa ditlhatlhobo tse di fetileng di somarelwe gore di dirisiwe go gakolola bana ka tsone pele ba kwala ditlhatlhobo tsa makgaolakgang.
Ba re puso e sekaseke dipalo tsa bana tse morutabana a le mongwe a lebaganang le tsone. Bana le bone ba ne ba supa fa batsadi ba ba kgokgontsha ka go ba roma metsoko le majalwa, le gore bangwe ba a ba phoraphora kwa malapeng le gone go sa ba buiseng sentle.
E ne e rile go le pele mo mafokong a kamogelo, mogokgo wa sekole seo, Mme Mosetsana Morotsi a tlhalosa fa sekole sa gagwe se na le baithuti ba le 308, ka barutabana ba le 12, mme se kgonne go bona maemo a boraro mo ditlhatlhobong tsa ngogola, mo kgaolong ya botlhatlhobi ja dikole ya bokone.
O ne a kgothatsa batsadi go phuthologa go tswa ka megopolo e e ka agang go ya pele ka maikaelelo a go tokafatsa maduo ka mafoko a a reng kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa gape wa yo o esi ga o ele. Banana bangwe ba ne ba ikabela batsadi ba ba sa kgoneng go thusa bana kwa malwapeng.
Fa a leboga, Mme Lemonate Kolanyane o ne a lebogela batsadi bopelotelele jwa bone mo thuto-puisanyong eo, gammogo le ene yo o tsileng ka lenaneo leo, a re ke morutabana wa tlhwatlhwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Kgagodi
Event : Kabelano Maele
Date : 11 Mar 2018






