Breaking News

Marara a bogosi jwa Pallaroad a rarabolotswe

11 Mar 2018

Kgosana wa Maaloso a ngwana, Rre Ratie April le kgosana wa Ditimamodimo, Mme Enametse Sebolao ba re kgang e e ntseng e ba tlhokisa boroko ya bogosi jwa Pallaroad jaanong e rarabolotswe.

Kgosi April le Kgosi Sebolao ba tlhalositse mo potsolotsong le BOPA gore e le dikgosana tsa dikgotlana tsa Maaloso a ngwana, Ditimamodimo, Basimane le morafe wa Pallaroad ba dumalane ka bongwefela jwa pelo gore Rre Moses Mpaesele a tlhongwe mo setilong sa bogosi.

Banni ba Pallaroad ba ntse ba itaana ka noga e utlwa ntateng ya go lwela leina la motho yo o ka neelwang setilo sa bogosi go kaba phatlha ya ga Kgosi Mogakolodi Mpaesele yo o neng a tlhokafala ka 2014.

Kgosi April le kgosi Sebolao ba re le ntswa go na le bangwe ba ba santseng ba belaela ka leina le le dumalanweng, gone ba solofeditswe fa kgang ya bone e rarabolotswe ka jaana leina leo le setse le amogetswe ke tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber Tsogwane.

Ba re e re ka ba na le dingwaga tse tharo ba sena kgosi, ke sone se ba neng ba ithaopa e le dikgosana tsa Maaloso a ngwana, Ditimamodimo le Basimane go thusa morafe mo kgotleng e tona ka go saenela batho difomo tsa ditsha tsa malwapa le masimo, difomo tsa Omang le difomo tsa matsalo a bana gammogo le dintsho.

Fa e sale morafe wa Pallaroad o tlhokafalelwa ke kgosi ka 2014, ditsheko tsa bone di ntse di reediwa ke Kgosi Mogaetsho Dipao go tswa kwa Taupye. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Pallarod

Event : Potsolotso

Date : 11 Mar 2018