Breaking News

Ba ba rekisetsang kwa molelwaneng ba tlaa hudusiwa

08 Mar 2018

Moanamisa mafoko mo khanseleng ya kgaolo-potlana ya Mahalapye, Mme Tabona Ndoli o kopa bagwebi ba ba botlana ba ba rekisetsang kwa molelwaneng wa Martins-drift go fuduga mo lefelong le ba direlang mo go lone ka jaana ba sa bewa ka fa molaong. 

Mme Ndoli o boletse mo puisanyong le lekalana la dikgang la BOPA gore bagwebi bao, ba go belaesegang ba tswa mo dikgaolong tsa botlhophi tsa Sefhare/Ramokgonami le Lerala/Maunatlala fa ba tswa kgakala ba kopiwa go fuduga mo lefelong leo, mme ba sa kgone go tsibogela kgakololo ya badiri ba khansele.

A re le ntswa bagwebi bao, ba ba ithusang ka go rekisa dijo le maungo ba sena diteseletso tsa go rekisetsa kwa molelwaneng, o tshwenngwa ke gore batho bao ga ba na matlwana a boitiketso mo ba ka felelang ba kgotlela tikologo kana go bakela barui ba dipolase tsa Tuliblock bolwetse jwa mabele jo gantsi bo bonwang mo loruong.

Mme Ndoli o bolela fa mathata mangwe e le a go gotsa molelo ga bangwe ba bone mo a tlhalositseng fa go ka nna borai mo dikoloing tse di rwalang lookwane go tsweng kwa lefatsheng la Afrika Borwa go tsena mo Botswana.

 A  re e re ka ba tswa kgakala ba gakolola batho bao go fuduga mo lefelong leo, mme ba sa tsibogele kgakololo ya badiri ba khansele jaanong ba tlaa tshwanelwa ke go diragatsa molao go fudusa bagwebi bao ka dikgoka mo malatsing a makhutshwane a a tlang.

E  rile mo dikgweding tse pedi tse di fetileng badiri ba tsa melao mo khanseleng ba thuba mekhukhu ya bagwebi ba ba rekisetsang mo maemelong a dipalamo tsa setshaba mo Mahalapye ka jaana ba ne ba ganana le go sala melawana ya tsa dikgwebo morago. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : PUISANYO

Date : 08 Mar 2018