Breaking News

Borukutlhi bo keketse kwa Maun

08 Mar 2018

Mookamela kgaolo ya sepodisi ya District No.5 officer commanding, Senior Superintendent Peter Gochela a re ga a itumedisiwe ke go oketsega ga dikgang tsa go gobatsa ba bangwe tse gantsi di felelanfg bangwe ba robaditswe kwa kokelong.

A re koketsego eo e a tshwenya ka go re go ka felela go baka polao.

 O boletse mo potsolotsong gore fa esale ngwaga o simologa, ba gatisitse dikgang tse dintsi tsa titeo le go gobatsa, a tlatsa ka go re gantsi ba ba gobaditsweng ba bolela gore ga ba itse se ba se iteetsweng e bile ba sa itse gore ba iteilwe ke bomang.

Senior Superintendent Gochela o ne a baya sekai ka ditiragalo dingwe tse di diragetseng ka bofelo jwa beke fa monna wa dingwaga tse 24 a ne a tlhaselwa a ba a itewa ke monna yo o sa itseweng kwa kgotleng ya Boseja fa a ne a le kwa moletlong wa dijo le dino.

Tiragalo eo ke ya Matlhatso ka nako ya borobabongwe bosigo mme monna yo o neng a tlhasetswe o ne a tlhajwa ka sengwe se se bogale mo mpeng mme a fitlhelwa ke ditsala dingwe tsa gagwe a bidikama mo mading kwa ntlong ya gagwe.

A re ditsala tseo tsa gagwe di ne tsa mo ragosetsa kwa kokelong ya Letsholathebe II Memorial kwa a fetileng a robadiwa teng. 

Tiragalo e nngwe ke e monna wa dingwaga tse 48 wa kgotla ya Boseja/Kubung yo o neng a tlhaselwa ke banna ba le babedi ka rootane ya tshipi fa a robetse mo ntlong ya gagwe.

Senior Superintendent Gochela a re bobedi joo bo ne jwa senya lebati la ntlo ya rre yoo mme ba tsena mo ntlong ya gagwe ka dikgoka mme ba feta ba mo itaya.

Tiragalo eo e diragetse ka makuku a naka tsa kgomo ka tsatsi la Tshipi.

Le fa go ntse jalo, ka maiteko a go itebaganya le seemo seo, mookamedi yoo wa mapodisi a re e tlaa re mo bogaufing, ba tsamae ba ruta setshaba mme ba ikaelela go kopana le dikgosi go ba thusa go anamisa molaetsa.

Senior Superintendent Gochela a re o dumela gore dikgosi ke bone batho ba ba tshwanetseng go buisanya le merafe ya bone gore ba itshware sentle, a tlatsa ka go re selekanyo se go gobatsanwang ka sone se a tshwenya ka se busetsa kwa morago maiteko a go lere kagiso le thitibalo mo metseng.

A re batho ba tshwanetse go tlhaloganya gore go betsa motho ke molato o motho a ka o atlholelwang dikgwedi tse supa mo kgolegelong.

A re ba dumela gore ka go ruta setshaba ba ka kgona go isa molaetsa o o nonofileng kwa dirukutlhing gore di tlhaloganye gore titeo ke molato o o otlhaelwang ka fa molaong.

E re go sale foo, mapodisi a bone marapo a go belaelwang e le a motho.

Senior Superintendent Gochela o tlhomamisitse tiragalo eo, a tlatsa ka go re marapo ao a ne a bonwa kwa sekgweng gaufi le motsana wa Habu mo kgaolong ya Okavango.

O boletse gore marapo ao a ne a bonwa ke monna mongwe yo o neng a batla dikgomo tsa gagwe.

Mo nakong eno, marapo ao a santse a ile go tlhatlhojwa. ENDS

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MAUN

Event : POTSOLOTSO

Date : 08 Mar 2018