Breaking News

Sekole se ipelela maduo

05 Mar 2018

Mookamedi wa kompone ya Dental Smiles, Rre Kevin Mahilo o akgotse bana ba ba neng ba dira lokwalo lwa bosupa ngogola ba sekole se sebotlana sa Matsaudi, go tswa ka tse di tsididi mo maduong a makgaolakgang.

Rre Mahilo o ba akgoptse jamo kwa moletlong wa go ipelela maduo a bana bao bosheng.

O ne a tlhalosetsa dikgantshwane tseo fa ba tlhoka botsipa jo bo rileng gore ba kgone go lebagana le dikgwetlho tse di ba emang pele.

O ne gape a ba gakolola gore mongwe le mongwe wa bone o na le bokgoni jwa gagwe, ka jalo a ba kgothatsa go dira ka natla le ka manontlhotlho mo tirong ya bone ya sekole, a tlhalosa fa jaanong ba ya go kopana le tiro e ntsi kwa mophatong wa ntlha.

Rre Mahilo o ne a ba kgothatsa go ipeela seelo se ba tlaa abong ba berekela mo go sone ka dinako tsotlhe, a tlhalosa fa seo se ka ba thusa go diragatsa ditoro tsa bone.

O bile a kgothatsa bana gore ba seka ba letlelela boitlhobogo le go palelwa kwa pele, mme a ba gwetlha go tswelela ka go bereka thata le go sa ipona tsapa go botsa barutabana fa ba sa tlhaloganyeng teng.

“Le seka la ya gore tlhabisa ditlhong kwa le ileng teng mme le ye go tlhoafala go gaisa se le se dirileng mo Matsaudi.

Re motlotlo thata ka lona ka go dira ditso tse di kalo mo motsaneng o wa Matsaudi,” a tlhalosa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshepo Botshelo

Location : MATSAUDI

Event : Moletlo

Date : 05 Mar 2018