Breaking News

Melolwane ya metse ga e amane le ya sepolotiki

05 Mar 2018

Mogolwane wa lephata la boipelego, Rre Pascal Madisa o tlhaloseditse morafe wa dikgotlana tsa Ghanzi legare le Ghanzi Borwa gore melelwane ya dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ga e tshwane le ya  dikgaolwana tsa sepolotiki.

Mogolwane yo o buile jalo mo phuthegong ya kgotla ya go rerisa morafe ka melelwane ya ditlhabololo tsa motse ya kgaolwana ya Ghanzi Borwa.

Rre Madisa a re go botlhokwa gore morafe o tlhaloganye ka melelwane ya dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse le ya botlhophi e seng jalo ba tlaa tlhakatlhakanya melelwane ya dikgaolwana tsa botlhophi le ya dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse.

Mogolwane yo o ne a tlhalosetsa morafe gore e rile ka 2016 ba lemoga fa dikgaolwana tse dingwe di setse di godile di tlhokana le dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse, nngwe ya tsone e le kgaolwana ya Ghanzi Borwa.

A re  molaodi le mokwaledi wa khansele ba ne ba ntsha komiti e e sekasekang melelwane, mme komiti eo e ne ya dira tiro ya yone ya go sega melelwane eo.

A re ba tsisitse pego ya komiti eo kwa morafeng  mme fa e le gore ba ganana le tshwetso ya komiti eo o tlaa isa matshwanyego a bone kwa go ba bagolwane go ya go bona gore ba tlaa  rarabolola jang matshwenyego a bone.

E ne e rile pele kgosana Rre Petrus Ndjoze a amogela baeng mo kgotlanneng ya gagwe  a kopa morafe go itshwara sentle le go reetsa thata dikgang tseo ka gore di botlhokwa mo matshelong a bone.

Kgosana Ndjoze o kopile morafe gore ba tlogele go tsenya sepolotiki mo dikgannyeng tse di tshwanang le tse  e bile ba itse gore mo kgotleng sepolotiki ga se letlelelwe.

E rile a akgela, Rre Shane Kebadile ene a tlhalosa fa a sa dumalane le molelwane o o dirilweng a re ene o batla gore molelwane wa komiti ya ditlhabololo ya Ghanzi Borwa go dirisiwe wa dikgaolwana tsa botlhophi ka gore fa go tla go ikwadisediwa  ditlhopho tsa botlhe morafe o tsile go etsaetsega.

Rre Kebadile a re gape Kgaolwana ya Ghanzi Legare ga go na kwa e golelang teng fa ya Ghanzi Borwa e santse e gola, ka jalo a kopa gore go dirisiwe molelwane wa dikgaolwana tsa botlhophi.

Bontsi jwa morafe bo ne jwa wela mo mafokong a ga Rre Kebadile gore bone ba batla gore go dirisiwe molelwane wa dikgaolwana tsa botlhopi kgotsa tsa bokhanselara.

Mothusa mokwaledi wa khansele, Rre Thatayotlhe Balepi o ne a tlhalosetsa morafe oo ka ditlhabololo tse di tshawanetseng go dirwa ka madi a lenaneo a dikgaolowana tsa botlhophi.

O ne a tlhalosa fa kwa kgaolong ya Ghanzi Borwa go ya go agwa lobala lwa metshameko mme e bile a tlhalosa fa go setse go simolotswe.

Rre Balepi a re lobala loo lo ya go batla madi a mantsi, ka jalo go raya gore go tlaa nna go tlopolwa mo mading ao go fitlhelela ba fetsa.

A re ba tshwanetse go itse gore lebala leo ga le ye go dirisiwa ke morafe wa kgaolwana eo o le nosi le ya go dirisiwa ke batho ba kgaolo  botlhe, ka jalo ba tlaa nna ba ketlola mo mading mo dikgaolwaneng tse dingwe fa go tlhokafalang teng.

Morafe wa Ghanzi Legare bone ba ne ba supa fa ba batla gore mo ngwageng ono wa madi, madi a bone ba agelwe ntlo ya ditso gore e kgone go ba solegela molemo le gore ba kopa gore ntlo ya ditiro tsa diatla (BEDU) e kgologolo ba e neelwe, e tswe mo khanseleng gore ba kgone go e dirisa sentle.

E rile morafe o akgela ka ditlhabololo tseo ba tlhalosa fa go ne ga tswa madi a a neng a lebaganye lebala leo, ba botsa gore  a kae.

Legale ba ne ba supa fa ba lebogela ditlhabololo tseo mme fela ba kopa gore bana ba Ghanzi ba hirwe ka gore ba tlhoka ditiro.

E rile mokwaledi wa mopalamente, Rre Jesus Mosokwe a akgela, a re go botlhokwa gore morafe wa kgaolo ya Ghanzi ba emele lobala loo ka dinao gore lo kgone go fela ka bofefo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : GHANZI

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 05 Mar 2018