Balemi ba itumelela pula e namagadi
05 Mar 2018
Balemi ba Masingwaneng ba re ba itumeletse dipula tse di neleng ka Tlhakole ka di rudisitse dijalo tsa bone.
Mo potsolotsong le BOPA bosheng, mothusa modulasetilo wa lekgotla la balemi-barui mo Masingwaneng, Rre Lekang Zhibi o tlhalositse gore pula ya maloba e nele ka bokete e bile e solegetse molemo dijalo tse di neng di tshubilwe ke letsatsi.
Rre Zhibi a re banni ka bontsi ba tsere temo ka tlhoafalo e bile ba thusiwa ke balemisi ka lenaneo la ISPAAD, ka go ba fa peo ka mefuta.
Rre Zhibi a re ene o lemile ka terekere le ditonki ka Ngwanatsele, ebile a lema ka ditselana jaaka balemisi ba rotloetsa.
O supa fa kgwetlho e tona mo masimong e le dinonyane tse di jang mabele, segolo bogolo segaolane.
A re leruo le lone le a senya mo masimo ka go tlhagela di eja dijalo ka ebile batho ba sa tlhole ba disa.
Mothusa modulasetilo o tlhalositse gore go sa ntse go na le bangwe ba ba sa tlholeng ba lema ba re ba tlaa reka.
O supile gore banni ba Masingwaneng ba kile ba bo ba tlhoafaletse temo fa go santse go lengwa ka go gasa peo.
Ka jalo a re lekgotla la balemi le tsweletse ka go buisa diphuthego mo motseng go supa botlhokwa jwa go lema.
Rre Zhibi a re o solofetse go roba mmidi le ntshe ka tsone di sa tlhaselwe ke diji.
Fa a ntsha la gagwe, molemi Rre Zibani Maphamole a re o itumeletse pula ka gore mmidi wa gagwe o ne o sule jaanong o thantse.
A re kgwetlho e tona ke nonyane ya lesogo e e tseneletseng mabele, a ta tlhalosa fa a sa bone a tlaa roba sepe mo temeng ya mabele.
O supile gore o ne a sala ditaelo tsa balemisi morago, gore ba seka ba lema dijalo mo temeng e e tshwanang ngwaga le ngwaga.
Rre Maphamole a re o itumedisiwa ke gore mmidi o ne o santse o itsetsepetse ka o sa tshabelelwe ke go jewa ke diji.
O tlholositse gore o beile bompopi ba matsela mo masimo go tshosa dinonyane, mme a re di tswelela di ntse di senya fela.
O digetse ka go re ene le ba lelwapa la gagwe ba tlaa dika ba o orile molelo wa mariga.
“Pula e e nthusitse re tlaa dika re robile go le gontsi e bile ke tlaa ja le bongwanake.” BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : MASINGWANENG
Event : Potsolotso
Date : 05 Mar 2018






