Makhanselara a phathi e e busang a batla setilo
04 Mar 2018
Makhanselera a phathi e e busang ya Domokoraga ba kgaolwana ya Palapye Administrative Authority (PAA) ba batla setilo sa mothusa modulasetilo se boela mo phathing, morago ga gore mokhanselera yo o ntseng a le mo go sone a fudugele mo phathing ya BMD.
Maemo ao a mothusa modulasetilo a ntse a tshwerwe ke mokhanselera wa Lerala Botlhaba, Rre Kabo Ketshogile, yo ka nako e a neng a tlhophiwa a neng a le mo phathing e e busang.
Bontsi jwa makhanselera a kgaolo-potlana ya PAA ba buile jalo mo mafokong a bone fa ba akgela mo puong ya pulo semmuso ya setlha sa ntlha sa ngwaga ya khansele e ba neng ba e beilwe pele ke modulasetilo, Rre Lesedi Phuthego.
Mo go tse dingwe, mokhanselera wa Radisele, Rre Kgosiemang Monare le wa Mogapi Rre Tuelo Metseyabeng ba ne ba supa matshwenyego ka tiego ya paakanyo matlo a barutabana, le matlo a borutelo mo dikgaolong tsa bone.
Rre Monare o ne a re go tlhokega sekole se sebotlana sa bobedi mo kgaolwaneng ya gagwe ya botlhophi go imolola se se teng.
O ne gape a lebogela go tsibogela matshwenyego a bone a metsi a re kompone ya metsi e eme ka dinao go ba thusa.
O ne a kopa ba lephata la dipalamo go ba thusa beng ba dipalamo tsa setshaba, a re ba gana go folosa batho mo maemelong a a tshwanetseng e bile a diretswe go folosa le go pega setshaba.
Mokhanselera Metseyabeng ene o ne a galaletsa makalana a botsogo, banana, ba melawana ya khansele le ba ga molaodi a re monongwaga ba ne ba tsibogela diemo ka bofefo go thusa ba ba ba tlhokang thuso ka nako.
Mokhanselara wa Serorome Bokone, Rre Tshokodiso Raboloko o ne a re lenaneo la SHHA mo kgaolwaneng ya PAA le emisiwe ka nakwana go itebaganngwe le motseletsele wa ba ba setseng ba supile kgatlhego mo go lone, go na le go tswelela ka kwadiso le ntswa tema ya go thusiwa ga batho e sa bonale.
O ne gape a re go botlhokwa gore e re makhanselera a goroga morago ga ditlhopho a rutuntshiwe ka ditsamaiso le melawana ya khansele, gore ba itse tse ba tshwanetseng go di dira.
Mokhanselera wa Morupule, Rre Jordan Makhura o ne a re sekole se segolwane sa Mabogo se mo seemong se se tlhabisang ditlhong, gape matlo a borutelo a a a tlhaela.
O ne gape a kopa gore bodiredi bongwe jwa sepodisi bo isiwe kwa go ba ditima molelo gore e re ka nako ya dikotsi ba bo ba le gaufi go thusa.
O ne gape a supa matshwenyego ka koketso dituelo tsa badirelapuso a re boraro mo lekgolong ke madi a mannye go lebeletswe seemo sa botshelo jo ba sa bo kgoneng, a re fa boraro mo lekgolong joo bo tsena beng ba dikgwebo bone ba oketsa ditlhwatlhwa go feta jone boraro joo.
Mokhanselera wa Lerala Botlhaba, Rre Kabo Ketshogile, ene o ne a kopa gore Lerala e akarediwe mo metseng e e tlhokomelwang ka ditlamelo tsa bolwetse jwa letshoroma, ka go sena ngwaga ope o bolwetse joo bo seyong mo kgaolong eo, a re montsana o montsi kwa Lerala.
O ne a supa ketsaetsego ka go agwa ga kokelo ya Lerala le go godisiwa ga e e teng ka lenaneo la ESP, a re ga a tlhaloganye gore a mafoko a ga Tautona a kgotla a kago ya sepatela a emisa go godisiwa ga kokelo ya Lerala, mme a lebogela gore Lerala o ya go nna kgaolo-potlana e le go atumetsa ditirelo kwa bathong.
O ne a kopa gore go lebelelwe maphata a a tshwanang le bo Omang, ba tsa botsogo jwa tikologo, ba tsa dikgwebo le gone gore poso ya Lerala e dirisiwe go duela bagodi.
Mokhanselera wa Mmaphula Botlhaba, Rre Mphoentle Kabelo ene o ne a re mafoko a ga modulasetilo a gore ba buisana le mogwebi mongwe ka kgang ya matlakala, ene o bona kgang eo e ne e kabo e ne ya bulela mongwe le mongwe go ka e ipapaletsa go na le go e neela batho ba ba tswang kwa ntle ga lefatshe leno.
Rre Kabelo gape ke ene a neng a tswa ka kopo ya gore setilo sa mothusa modulasetilo se kabiwe ka yo ba neng ba mo tlhophile a fudugile.
Mokhanselera wa Mogapinyana Mme Mmaletsatsi Nthobatsang o ne a arogana le bakaulengwe ba gagwe ka tse ba di dirang kwa kgaolwaneng ya gagwe, a re ba ne ba tla ka mogopolo wa gore ba batlisise bana ba motse oo ba ba nang le dikitso tsa kago, motlakase, kgokelo ya metsi le tse dingwe mme ba sena ditlankana.
A re seo se ne sa tla morago ga gore ba lemoge fa bontsi jwa bana ba motse o e le ba ba neng ba direla kwa moepong wa BCL wa Selebi Phikwe, a re ba ne ba ikgolaganya le khansele go e kopa go ba isetsa batho bao kwa Madirelo kwa Gaborone go ya go dira ditlankana mme ba tla ba fentse dithuto, maikaelelo e le gore ba ipope setlhopha gore ba kgone go gaisanela ditiro tsa puso.
Makhanselera a ne a atla mogopolo oo mme a supa fa a tlaa o latedisa gore le bone ba dire jalo.
Kgang e nngwe e e neng ya kopelwa gore bogogi jwa khansele bo e tsibogele ke ya kokelo ya Palapye le sekole se segolwane sa Mabogo.
Go isiwa ga lefuti la matlakala kwa Lemone mo kgaolwaneng ya Mmalekokopu le gone ga supega go ka seke ga kgonega ka mabaka a gore fa go sikilweng teng ke fa metsweding ya letamo le le nosang batho ba kgaolo eo.
Mokhanselera Segametsi Legoreng wa Mmaphula Bophirima ene o ne a bua a menne phatla ka kgaolo ya Extension Six a re e mo mogobing, matlo a a wa ka dinako tsa dipula, a supa fa maiteko otlhe a go buisana le ba lekgotla la kabo ditsha la Palapye a dirilwe mme go se nko e e tswang lemina. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya Khansele
Date : 04 Mar 2018






