Dirisang mananeo a puso go tokafatsa matshelo
04 Mar 2018
Banana ba lefatshe leno ba kopilwe go dirisa mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone le go direla Batswana ba bangwe diphatlha tsa mebereko.
E rile Rre Moemedi Baikalafi yo e leng mongwe wa bagwebi ba banana mo Mahalapye a akgela bosheng mo phuthegong ya kgotla kwa Bokaa, a bolela fa a swabisiwa ke go bona banana ba le maoto a tshupa go dirisa madi a a abelwang lephata la banana ngwaga le ngwao le ntswa bangwe ba bone ba na le bokgoni jwa go tsamaisa dikgwebo.
A re e re ka banana e le bone batsadi ba kamoso e bile ba santse ba itekanetse mo botsogong, ke bone ba ka bong ba tsaya mananeo a temo-thuo go ntsha dijo tse di lekaneng le go thusa matlhabelo a Botswana kwa Lobatse, Francistown le Maun ka dikgomo tse nama ya tsone e ka rekisiwang kwa mafatsheng a sele go tokafatsa itsholelo ya lefatshe leno.
Rre Baikalafi o boleletse batho ba ba neng ba tsene phuthego eo gore le ntswa lefatshe la Botswana le lebanwe ke dikgwetlho tsa kwelo-tlase ya itsholelo le letlhoko la ditiro, ke boikarabelo jwa bone e le banana go thusana le mmuso go simolola dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone le go bulela ba bangwe mebereko.
O rotloetsa banana ba lefatshe leno go ipopa ditlhopha tse ka tsone ba ka ikopelang madi mo pusong go simolola dikgwebo tsa bojanala le dikoporase ka di le bogadi bo gaufi e bile e le tsone tse di ka tsosolosang itsholelelo ya lefatshe leno e e ntseng e ikaegile ka thekiso ya di-tswa mmung.
E rile banana ba akgela mo phuthegong eo, ba tlhalosa fa mathata a a ba kgoreletsang go dirisa mananeo a puso e le tiego ya go amogelwa ga dikopo tsa bone, go tlhoka lefatshe le ba ka direlang dikgwebo mo go lone le ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa batho ba ba ba hirisetsang madirelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 04 Mar 2018






