Breaking News

Basamarea ba ba molemo ba thusa bagodi

04 Mar 2018

Basamarea ba ba molemo ebong bomme Justinah Motshidisi le Charity Hiscox wa Thapelong Empowerment Centre, ba ithaopetse go fepa bagodi ba Bokaa ka dijo fa ba ile go amogela madi a bogodi.

Mme Motshidisi a re o ne a gwetlhwa ke gore bagodi ke batho ba makoa a a tshwanang le bolwetse ba sukiri mme ba tlhola kwa posong mo meleng e meleele ba emetse go amogela ba bo ba felela ba tshwarwa ke tlala le go sa fetseng se ba se etseng.

A re ba simolotse go dira tiro e ya go abela bagodi dijo Tlhakole a rogwa mme ga ba thuse bagodi fela, ba thusa le batsadi mo malwapeng ba ba nnang ba sena batlhokomedi ka go ba fa dijo ka Mosupologo le Labotlhano.

O ne a tlhalosa fa a sa bolo go eletsa go bereka le bagodi mme janong se e le sebaka sa go bereka le bone le go ba ikatumetsa gore a tle a kgone go itse matlhoki a bone.

Mme Motshidisi a re ga ba thuse banni ba Bokaa fela, a tlatsa ka go re ba thusa bagodi ba metse e mengwe jaaka ya Morwa, Rasesa, Pilane le Mochudi.

A re o eletsa go bona ba godile ba na le lefelo le go nnang bagodi fa ba ka ba tlhokomelang sentle teng.

Mme Hiscox a re o bone go tshwanela go itshwaraganya le Mme Motshidisi go thusa bagodi ka a bone tshokolo e bagodi ba nang le yone fa ba ile go amogela.

A re go na le bagodi ba ba nnang ba le nosi fa ba bangwe ba sa kgone go itirela se ba ka se jang.

Mme Hiscox o ne a kopa dithuso mo makalaneng a a ikemetseng go ba thusa ka tse ba ka di kgonang go isa ditlamelo kwa bagoding.

O ne a iteela legofi marekisetso a Woolworths, a ba lebogela go bo e le bone ba ba fang dijo go apeela bagodi.

Motshwarelela mogolwane wa Poso ya Bokaa, Mme Tumisang Bareetseng, o iteetse Mme Motshidisi le Mme Hiscox legofi ka tiro e ntle e ba e dirang ka se se dira gore bagodi ba seka ba fela pelo go thusiwa ka ditlamelo tsa poso.

A re o itemogetse fa Batswana ba se maoto a tshupa mme ka jalo o ne a gwetlha Batswana ba bangwe go thusa ka fa ba ka thusang ka teng.

O ne a digela ka go re go thusa bagodi ke letlhogonolo, ka jalo ba tlaa bona matlhogonolo le katlego mo tirong e ntle e ba e dirang.

Mme Khumoetsile Ramorwa yo e leng mongwe wa bagodi ba ba neng ba abelwa dijo o ne a tlhalosa fa thuso e e ba solegela molemo ka ba sa ngongorege ka tlala fa ba santse ba emetse go thusiwa.

Mme Ramorwa a re ba ntse ba phakelela kwa posong go tsaya dikatso ba sa ja mme se se thusa go tshwara legaba e bile se ba itumedisa thata e le bagolo go bona bana ba ba tlhokometse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebo Rakanyane

Location : BOKAA

Event : Potsolotso

Date : 04 Mar 2018