Breaking News

Tona Mzwinila o akgola VDC ya Mogapinyana

04 Mar 2018

Mothusa tona wa tlhabololo banana, motshameko le ngwao, Rre Kefentse Mzwinila o akgotse komiti ya ditlhabololo (VDC) ya Mogapinyana ka go fa ba lelwapa la ga Mabele seriti ka go ba agela ntlo.

Fa a bula ntlo eo semmuso bosheng, Rre Mzwinila o akgotse VDC ya Mogapinyana go bo ba supile mowa wa kutlwelobotlhoko mo go ba ba tlhokileng lesego ba dirisa dikatso tsa bone tsa VDC.

A re dikatso tsa VDC ga se madi a mantsi mme maloko a komiti e a kgonne go agela motlhoki ntlo.

O ba kgothaditse go tswelela ba supa mowa wa kutlwelobotlhoko mo banning ba motse o, mme a lebogela kemonokeng e ba e fileng puso ya lefatshe leno.

A re puso e le nosi ga e kake ya kgona, ka jalo seabe sa Batswana se botlhokwa go thusa bangwe ka bone.

A re Batswana go tewa tshaba e e tlotlang puso ya batho ka batho, e e ratang kagiso le thokgamo e bile e thusa ba bangwe.

A re lefatshe leno le se e leng sone ka mowa wa boipelego le kutlwelobotlhoko, ka jalo go botlhokwa go tsamaya mo dikgatong tsa bagologolo ba e leng bone ba thaileng lefatshe leno, go tlhabolola lefatshe leno le go fa Batswana ba ba tlhokileng lesego seriti.

Rre Mzwinila yo o nnileng le seabe mo go thuseng VDC go aga ntlo e, o itlamile go thusa VDC ka P1 000 fa ba agela motlhoki yo mongwe ntlo.

Fa a tswa la gagwe, mothusa mokwaledi wa khansele-potlana ya Palapye, Rre Mogorosi Kokoro le ene o akgotse VDC ka dikakanyo le tlhabololo e ba e dirileng.

A re se ba se dirileng se tsamaelana le lenaneo la tlhabololo magae le le ka fa tlase ga lephata la boipelego.

Leloko la komiti ya ditlhabololo, Mme Esther David a re go ne go se motlhofo go aga ntlo e mme a lebogela gore kwa bofelong ba kgonne go fetsa ntlo e mme ba e abela lelwapa la ga Rre Keeme Mabele.

A re bagologolo ba re sejo sennye ga se fete molomo, ka jalo ba ile ba tsaya bontlha bongwe jwa dikatso tsa bone go agela ba lelwapa le.

A re Rre Mabele o ne a sena fa a bayang tlhogo teng mme ba nama ba mo adimile ntlo ya VDC ba santse ba mo agela.

O lebogetse botlhe ba ba nnileng le seabe mo kagong ya ntlo e mme a kopa kemo nokeng ya banni ba Mogapinyana, bogolo jang mo ditirong tsa kutlwelobotlhoko.

Fa a amogela ntlo eo, Rre Keeme Mabele o lebogetse ntlo e mme a itlama go e tlhokomela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : MOGAPINYANA

Event : Kabo Ya Ntlo

Date : 04 Mar 2018