Breaking News

Matambo o ikuela mo dikomponeng

04 Mar 2018

Tona wa madi le tlhabololo itsholelo, Rre Kenneth Matambo o ikuetse mo dikomponeng tse di iseng di eme nokeng lenaneo la ga Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama la go agela batlhoki bonno go dira jalo.

A re dikompone le ba ba ikemetseng ka nosi ba tshwanetse ba thuse puso mo letsemeng le le tsweletseng pele la go bona gore batlhoki ba bona bonno.

O ne a bua jalo fa a ne a neela ba lelwapa la ga Mme Motlalepula Tlhako ntlo semmuso e ba e agetsweng ke ba banka ya Botswana Savings Bank (BSB) bosheng kwa Chadibe.  

A re bonno ke selo sa botlhokwa mo botshelong jwa motho, ka jalo motho fa a sena bonno o a bo a sena seriti.

A re motho fa a sena bonno o a bo a le mo mathateng a matona ka ga go na fa a ka itiketsang teng fa diemo, bogolo jang tsa bosa, di sa iketla.

Rre Matambo o ne a lebogela ba BSB go bo ba ne ba bona go tshwanela gore ba agele ba lelwapa la ga Mme Tlhako ntlo ba ba nnang ba le 32 mo lelapeng leo.

A re ba BSB ba dirile tiro e kgolo thata e bile ba tlhokana le go galalediwa.

A re ntlo e e agetsweng boora Tlhako ke e e feletseng fa go lebilwe seemo se ba neng ba le mo go sone ka e na le dikamore tsa borobalo di le pedi, kamore ya boapeelo, kamore e go nnwang mo go yone e bile gape metsi a goketswe mo lwapeng.

A re ntlo eo e tlaa seke e thuse Mme Tlhako fela mme e tlaa thusa le bana ba gagwe.  

Rre Matambo a re BSB  e tswa kgakala e thusa batlhoki mme go na le dikompone tse dingwe tse di tsweletseng di thusa di dira fela jaaka ba BSB.

Mme Julianna White go tswa kwa BSB o ne a bolela fa banka eo  e tswa kgakala e ntse e thusa ba ba tlhokang mme e tlaa tswelela e thusa fa go tlhokafalang teng.

A re maitlamo a mangwe a BSB ke go thusa setshaba.

O tlhalositse fa BSB e sale e simolotse thulaganyo ya go agela batlhoki ka 2006 kwa Ngware mme ka 2014 ba aga matlo a le mabedi.

Ba ne ba aga ntlo e nngwe kwa Moreomabele fa e nngwe ba ne ba e aga kwa Tshane.

A re ntlo e nngwe ba ne ba e aga kwa Thamaga ngwaga tlola.

O ne a re ntlo e ba e agetseng boora Tlhako ke ntlo ya botlhano ba e agela motlhoki mme e le ya bone ka fa tlase ga lenaneo la ga Tautona la go agela batlhoki matlo.

O ne a akgola Tautona Khama go bo a simolotse lenaneo le lentle la go agela batlhoki matlo.

Mme Tlhako yo o neng a tletse ka boitumelo o ne a leboga ba BSB go bo ba ne ba mo agela bonno.

A re o ne a sa akanye gore e tlaa re mo nakong eno a bo a agelwa ntlo.

O ne a ba gwetlha go tswelela ba ntse ba thusa ba ba nang le seemo se se tshwanang le sa gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : CHADIBE

Event : Kabo Ya Ntlo

Date : 04 Mar 2018