Breaking News

Sir Ketumile Foundation e aba mesangwana

04 Mar 2018

E rile bosheng ba Sir Ketumile Foundation ba abela basetsana ba sekole se segolowane sa Goosemama kwa Gootau mesangwana.

Fa a amogela mesangwana eo bosheng, Mogokgo Tebogo Mack o ne a bolela fa ba Sir Ketumile Foundation ba dirile tiro e kgolo ka baithuti ba tlaa ithuta ntleng le go kgoreletsega.

A re mo dinakong tse dingwe basetsana ba kgona go seka ba iponatsa kwa sekoleng ntateng ya gore ga ba na mesangwana, ka jalo seemo seo e tlaa nna sa maloba.

A re bangwe ba baithuti ba ’kobo dikhutshwane, ka jalo ga ba kgone go ithekela fa bangwe ba felela ba dirisa sengwe fela mo boemong jwa mesangwana mme seo se sa siamela botsogo jwa bone.

Mme Mack a re mesangwana e dira gore mosetsana a nne le seriti e bile a sireletsege.

A re mosetsana fa a dirisa mesangwana o ikutlwa gore ke mosadi.

A re lenaneo la ba Sir Ketumile Foundation le tlaa bolokela puso madi a go abela baithuti mesangwana.

Sekole sa Goosemama se tsene mo ditumalanong le ba Sir Ketumile Masire Foundation ngogola.

Mme Matshidiso Masire go tswa kwa Sir Ketumile Foundation o ne a bolela fa mokgatlho wa Sir Ketumile Foundation o sale o simologile ka 2007 o simolodisiwa ke Tautona wa bobedi wa lefatshe leno,

Sir Ketumile Masire le mohumagadi wa gagwe Mma Gaone.

A re mo go one mokgatlho o ba na le dipilara tse di farologaneng mme nngwe ya tsone ke e e lebileng ngwana wa mosetsana.

A re ba itebagantse le go thusa bana ba basetsana ka mesangwana gore ba seka ba tlhoka go ya sekoleng.

A re fa e sale ka 2014 ba abetse basetsana ba le 1 500 mesangwana gore ba seka ba kgoreletsega mo dithutong.

Mme Masire o boletse fa go na le basetsana ba le bantsi ba ba felelang ba tlolwa ke dithuto ntateng ya gore ga ba na mesangwana.

A re ba ne ba bona go tshwanela gore ba thuse dikole ntswa go sa lekana.

Mme Masire o ne a solofetsa sekole sa Goosemama fa ba tlaa se thusa ka mesangwana mo sebakeng sa ngwaga.

Mongwe wa basetsana ba Goosemama, Neo Mokgweetsi o ne a bolela fa ba itumelela kgolagano ya sekole sa gagwe le mokgatlho ka ba tlaa thusega e bile ba tlaa ikutlwa ba amogetswe. BOKHUTLO

Source : bopa

Author : Portia Rapitsenyane

Location : GOO-TAU

Event : Kabo Ya Dimpho

Date : 04 Mar 2018