Dikole tsa Maun di a iteka
01 Mar 2018
Mokhanselara wa Sankoyo/Shorobe, Rre Oabile Chombo a re sekole se sebotlana sa Matsaudi se dirile bontle mo maduong a bosupa.
Rre Chombo o buile jaana fa a a akgela mo mafokong a modulasetilo wa kgaolo-potlana ya Maun, Rre Mmoedi Modiegi yo o akgotseng sekole seo go bo se gaisitse dikole tse dipotlana tsotlhe tsa puso mo kgaolong-potlana ya gagwe.
Le fa go ntse jalo, Rre Chombo o ne a re sekole seo se simolotse se le se se emang ka lekwalo la bone, ka jalo se tlhaela ka dikago dingwe di tshwana le ofisi.
Ka jalo Rre Chombo o ne a kopa khansele-potlana ya Maun go tsibogela seo gore sekole seo se tswelele se dira maduo a a itumedisang.
E ne ya re a lekodisa phuthego eo, modulasetilo wa kgaolo-potlana ya Maun, Rre Modiegi o ne a tshwaela fa sekole sa Matsaudi se le kwa godimo mme se latelwa ke sa Kgosietsile, Letsholathebe, Botswelelo, Sankoyo, Moremi, Boseja le Semboyo ka di nnile le maduo a a itumedisang.
O bile a re sekole seo sa Matsaudi se supile kgolo mo maduong a sone monongwaga fa go tshwantshiwa le maduo a 2016.
Le fa go ntse jalo, Rre Modiegi o ne a re sekole sa maduo a a tshwenyang ke sa Khweeoseo sa motsana wa Somelo ka ke sone sa maduo a a a kwaa tlase mo kgaolong-potlana eo ka maduo a masome a mabedi mo lekgolong.
Rre Modiegi o ne gape a re maduo a dikole tse dikgolwane tsa kgaolo eo a a tshwenya ka dikole tsa teng di dira maduo a a a ko tlase ga a a beilweng ke ba lephata la thuto.
Le fa go ntse jalo, Rre Modiegi o ne a lemoga sekole se segolwane sa Sedie go bo se gaisitse tse dingwe mo kgaolong.
O ne gape a re go botlhokwa gore thuto e tshwaraganelwe ke boeteledipele, barutabana le ba makalana a a farologanyeng.
Le fa go ntse jalo, o ne a re go na le maiteko mangwe a a dirwang ke boeteledipele jwa kgaolo-potlana eo go netefatsa gore maduo a a tokafala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : Phuthego ya khansele
Date : 01 Mar 2018






