Breaking News

Balemi ba batla go okediwa nako ya go lema

28 Feb 2018

E re ka jaana nako e e beilweng ya go lema mo Bokone e tsile bokhutlong, balemi ba Tsamaya mo Bokone Botlhaba ba re ba eletsa gore goromente a atolose nako e e beilweng go lema gore ba solegelwe molemo ke dipula tse di tsweletseng ka go tshologa.

Mo potsolotsong le BOPA balemi ba tlhalositse gore e sale ka kgwedi ya Tlhakole e simologa pula e ntse e na ka bokete mme se sa ba paledisa go lema.

Mme Gertrude Chalashika o supile fa mmu o le bongola thata mo diterekere di palelwang ke go tsena mo masimo.

A re dipula di nele phetelela di tlhomaganya malatsi mo di feletseng di bodisa peo e ba neng ba e jadile.

O ne a tlhalosa gore o tswa kgakala a le molemi mme e bile o ka rata go tweledisa lorato lwa gagwe lwa temo fa nako ya go lema e ka atolosiwa.

Rre Bernard Keitsheletse a re ga a a kgona go lema ngwaga o simologa ka ntlha ya gore dipula di ne di seyo, ka jalo a tlhalosa gore o itumedisiwa ke pula e e gosomaneng ka Tlhakole.

O ne a supa gore dipaka di fetogile jaaka dipula di sa tlhola di na ka Phalane le Ngwanatsele jaaka go kile ga bo go tlwaelesegile.

Rre Keitsheletse a re fa nako e ka atolosiwa o ka ya go lema ka ditonki ka tsone di le marapo di nonofile go ka gata bongola.

Mme Idah Banyatsi ene o supile fa a kgonne go lema ka dipula tsa ntlha ka Hirikgong le fa di ne di se kalo.

A re ene mo nakong ya gompieno o emetse gore pula e kgaotse gore a kgone go tlhagola ka go setse go medile mhero.

Mme Banyatsi o tlhalositse gore o lemile mmidi, magapu, dinawa, manoko le mabele e bile a solofetse go bona thobo e e kgatlhisang.

Fa a ntsha la gawe, Mme Elizabeth Mabachi o tlhalositse fa dijalo tse dingwe di ne tsa babalelwa ke letsatsi le le neng le le bogale fa ngwaga o simologa.

Le fa go ntse jalo a re o itumelela gore sonoblom yone e santse e itsetsepetse e gola sentle e bile o solofetse thobo e e nametsang.

A re o tlhobaediwa ke gore losika loo dinawa ga lo rate pula e ntsi, ka jalo a belaela gore di tlaa senyega.  PHELELO

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : TSAMAYA

Event : Potsolotso

Date : 28 Feb 2018