Breaking News

Lephata la madi le tokafatsa ditirelo

27 Feb 2018

Lephata la madi le tlhabololo itsholelo ba eme ka dinao go lwantsha diemo tse di ka dirang gore madi a puso a tswe ka ’phatlha tsa menwana.

Ba dira jalo ka go tokafatsa dieemo  tsa dituelo, tshomarelo, tiriso ya madi, le gone go atumeletsa Batswana ditlamelo le ditirelo tse ba di tlhokang.

Mafoko ao a builwe ke mogolwane wa lephata leo yo o lebaganyeng le tsa tlhokomelo madi a okametse kgaolo ya bokone, Rre Ogolotse Nthoiwa mo phuthegong ya khansele-potlana ya Palapye.

A re mo nakong eno, o okametse diofise  dile lesome le bobedi tse di welang mo kgaolong ya gagwe, mme a supa fa ba ikaelela go bula ya lesome le boraro kwa Nata.

Rre Nthomiwa o tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go godisa ofisi ya  Palapye  go nna nngwe ya diofosi tsa kgaolo, a supa fa ba ikemiseditse go aga ofisi e tona fela fa ba ka abelwa setsha ka bofefo.

O ne a tlhalosa gape ka boitseanape jwa dituelo tsa mefuta e e farologanyeng, tsa batho ka bongwe ka bongwe, bagwebi le makalana otlhe a a duelwang ke puso gore go na le tsamaiso e e tshwanetseng ya salwa morago jaaka ya go duela ka metshine le e ntsha ya go tsenya madi mo dikarateng.

A re mefuta eo ya dituelo e ya go fokotsa go nna dinalanyana ga bodiredi.

O ne a bua ka karata e a rileng e ya go dirisediwa mesepele ya bodiredi mono gae le ya kwa ntle, madi a malatsi a boitapoloso, a tlhokomelo bagodi le a mangwe a a duelang dikomiti ka gofarologana.

Rre Nthoiwa o ne gape a supa fa ba na le dithulaganyo tsa go duela bagwebi (Real Time Cross Settlement) RTGS lenaneo le a rileng le duela bagwebi ba madi a a fetang P1million.

A re lengwe ke la Deeds Of Cession le a rileng le diretswe go tlhofafaletsa bagwebi go reka dithoto tsa bone ka lephata la tsa madi kwa ntle ga lefatshe leno.

Lengwe gape o ne a re ke la Payment gateway le le diretsweng go rekisa, go duela kana go bapatsa dithoto tsa puso ka maranyane a segampieno.

O ne a tlhalosetsa makhanselera fa dinako di fetogile go dirisiwa boranyane go neela Batswana ditirelo jaaka ba ne ba simolodisa go duela ka GABS.

O ne a tlhalosa gape gore fa ba sa duelwe  e ya bo e se mathata a GABS, mathata a a bo a tswa mo marenyaneng a a dirisiwang a ba senang taolo mo go one le ntswa ba a duelela.

A re lephata la gagwe le tshwere ka natla go tokakafatsa seemo.

A re ka ngwaga wa madi wa 2018/19 ba ya go oketsa bokete jwa boranyane jwa GABS go itepatepanye le diemo tsa kgolagano.

O kgothaditse ba ba amogelang madi a bagodi ka lenaneo le legologolo gore ba nne ba tlatsa difomo tsa go supa fa ba sale botshelong morago ga kgwedi tse thataro dingwe le dingwe.

E rile ba mo kgwa dikgaba, makhanslera a supa fa ba le ’bete se molangwana ka tiriso ya dithoto tsa puso ba re ga di tshwarwe sentle e bile ga di tlhokomelwe ke ba ba di neetsweng go di tlhokomela.

Mokhanslera wa kgaolwana ya Khurumela, Rre George Makhura o ne a supa fa dikoloi tsa puso di kgona go ema lebaka go sena madi a a di baakanyang.

A re seo ke botlhaswa, gape se sokodisa bodiredi ka ba tshelela mo letlhokong la dikoloi tse di sa baakangweng ka nako.

Rre Makhura o ne gape a bua a sa kgale mathe mo ganong ka tiego ya dituelo tsa ba ba tlogelang tiro ka bogodi kana ka mabaka a fe fela.

A re go tsaya ngwaga gore ba bone dikatso tsa bone.

A re puso e shwanetse ya lemoga fa e tsisa lehuma mo malapeng a batho bao ba ba sa duelweng ka nako ka ba simolola go tshela botshelo jo ba sa bo kgoneng e bile ba sa bo tlwaela ja lehuma.

Makhanselera a amogetse  tshimolodiso ya karata e e tsenyang madi a maeto le dituelo tsa dikomiti ba re e botlhokwa fela thata.

Ba ne gape ba lebogela go atumediwa ga ditlamelo kwa bathong.

Ba re ke sengwe sa botlhokwa.

Mokhanselera wa Morupule, Rre Jordan Makhuru ene o ne a re tiego ya dituelo tsa batho ba ba tlogelang tiro e bakwa ke  boitseme jwa bodiredi.

A re fa bone e le mapolotiki ba kgona gore fa nako ya bone ya dingwaga tse tlhano e wela ba bo ba neelwa dikatso tsa bone gone foo, gapala eng ka bodiredi.
Mokhanselera wa Lerala Bokone, Rre Gabagopole Sebele ene o ne a batla go itse gore ba ba kwa dikgaolong ba ya go thusiwa jang ka tiriso ya dikarata, ka go ya go ba pateletsa go palama go latela ditirelo tsa metshine kwa dileng teng.

Mokhanslera wa Mmaphula Botlhaba, Rre Mphoentle Kabelo ene o ne a kopa go re puso e tsenye leitlho mo bathong ba ba dirang dikarata.
Rre Nthoiwa o ne a tlhalosa fa dikarata tse di tsenngwang madi a mesepele le dituelo tsa dikomiti di ya go dirisiwa fela jaaka karata ya banka ka jaana motho o ka reka ka tsone gongwe le gongwe kwa go nang le metshine teng.

O ne gape a tlhalosa gore dikarata tseo di a busiwa moraga ga tiriso.
Ka tiego ya dituelo tsa ba ba tlogelang tiro ka bogodi o ne a re ga a itse se se bakang tiego, le ntswa gone go na le tse di latedisiwang pele ga dituelo di dirwa.

O ne a tlhalosa gape gore lefatshe leno ga le na  moalo o o supang dithoto tse puso e nang le tsone o o lolameng.
A re go tlhokega gore dithuto tsa puso di nne mo mekwalong e e lolameng gore di itsewe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : phuthegong ya khansele

Date : 27 Feb 2018