Breaking News

Matamo mangwe a a tlhatsa

27 Feb 2018

Koporase ya Water Utilities Corporation (WUC) e tsibosa Batswana ba ba nnang gaufi le matamo go ela tlhoko ka dinako tsotlhe gore ba babalesegile.

Sebueledi sa koporase eo, Rre Khumo Mogibelo o boletse mo potsolotsong gore matamo a Ntimbale le Shashe a tletse mo a tlhatsang.
Rre Mogibelo a re letamo la Ntimbale le tsweletse ka go penologa mo go feteletseng, ka jalo a re ba tlaa tswelela ba beile seemo leitlho ka jaana metsi a ka nna a tswelela ka go tla ka bokete gaufi le masimo, meraka le kwa metseng mengwe e tshwana le Masingwaneng, gaufi le Ntimbale.

A re go na le kgonagalo ya gore metsi a bulelwe go a fokotsa, ka jalo batho ba ba nnang gaufi le dinoka ba tlaa itsesiwe.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Mogibelo a re paakanyo ya mathombo a North South Water Carrier e weditswe, ka jalo metsi a tlaa simologa go tswa bokone go leba botlhaba jwa lefatshe leno.

North South Water Carrier ke lenaneo le ka lone metsi a anamisiwang mo Gaborone le go thusa go nosa mafelo a a bapi leng le Gaborone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : GABORONE

Event : Pego

Date : 27 Feb 2018