Mme Setlhoka o digela dingwaga tse 102
27 Feb 2018
Motho wa maloba o iteile kgomo lonaka fa a re tlhotsapele ga se eswa pele e bile khutsana e sa sweng e emetse monono, go ntse jalo ka mosadimogolo, Mme Keneilwe Mmankgodiepetsana Samotho Seneo Setlhoka yo o digelang dingwaga tse di lekgolo le bobedi kwa ga Moshupa.
Barwa le barwadi le masika a ga mosadimogolo Mma Setlhoka ba ne ba mo direla moletlo wa go digela dingwaga tse di lekgolo le bobedi mo Moshupa mme a santse a tshedile a sena bokoa bope kwa ntle ga go palelwa ke go tsamaya ka ntata ya bogodi.
Mme Setlhoka ke mosadimogolo yo o santseng a na le pono e e siameng, o santse a itekanetse mo mmeleng, mathata bogodi bo dira gore tlhaloganyo ya gagwe e ne e latlhega fale le fale.
O tsamaya ka kolotsana ka maoto a gagwe a palelwa ka ntata ya bogodi.
O tsholetswe mo kgotleng ya Rungwane kwa goora Nnyoyammotsi mo Moshupa.
Matsalo a gagwe a rulagana jaana; Keneilwe-a Kgotlaetsile-a Mooketsi-a Tshiping a-Nnyo ya Mutsi-a Mosweu-a Petlwana a Fatwana.
Dibui ka go farolagana ba kaile fa Mme Setlhoka e le senatla sa temo-thuo, moroki, Mogwebi, Motsadi e bile a le kelotlhoko.
Kgosana ya tetlanyo mo Jerusalem mo kgotleng ya Rungwana mo Moshupa, Kgosi Sekopo Nkgwang o boletse mo potsolosong le BOPA bosheng gore Mme Keneilwe e ne e le senatla sa dinatla, a le mogwebi yo mogolo yo o sa iponeng tsapa.
Kgosi Sekopo o ne a golega koloi ya kgothokgotho, Mmannyekere, a golega dikgomo, a dira bojalwa jwa bagolo jo go bolelwang bo ne bo le monate thata.
O ne a tsena mo nyalong e e boitshepho le Rre Setlhoka mme ba tlhoka thari. Ka bagologolo e ne e le batho ba ba mamu, o ne a tsholelwa ngwana wa mosetsana, Mme Selebaleng Tau.
Mme Tau o boletse fa Mma Setlhoka a mo rutile magokonyane a botshelo.
O boletse fa mmaagwe a ne a le lerato thata a bereka ka thata le gompieno o santse a le tlhaga.
Mogwe wa ga mosadimogolo, Rre Jerry Tau yo el eng kgosana kwa Mmankgodi o boletse fa ba dirile moletlo oo e le go leboga mosadimogolo go bo a ba godisitse, e bile maikaelelo e le go kopanya bana le masika a mosadimogolo gore ba itsanye.
Rakgadi, Rre Pampata Santoma a itse fa Mme Setlhoka a ne a bereka ka thata e le molemi-morui.
O ne a itse batho le ba masika a gagwe.
O godisitse bana ba bana le betsi.
O boletse fa a tsholetswe kwa kgotleng yoora Nyoyammutsi.
O ne a le lerato e le morui wa dikgomo le dinku.
Otatile Tau le ene o tlhalositse fa mosadimogolo e le motho yo o bonolo.
Fa ba BOPA ba ikopanya le Mme Keneilwe Setlhoka o ne a lebogela gore bana le bana ba bana ba gagwe ba mo gopotse.
Se se hakgamatsang ke gore mosadimogolo o ne a rakantsha lekoko la BOPA ka pina e e monate ya Lontone.
Pina e a e ratileng thata e ne e re Batho a reyeng ko ntlong ya Modimo, e nngwe e ne e le e go tweng O ntsee jaaka ke ntse, le ya A nka tsena a nka tsena o diegetseng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MOSHUPA
Event : moletlo
Date : 27 Feb 2018






