Mosadi o thusa mapodisi ka ditlhotlhomiso
26 Feb 2018
Mapodisi a Tsabong mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa a tshegeditse mosadi mongwe wa dingwaga tse di masome mane le botlhano yo o tlholegang kwa Werda mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le go tlhokafala ga losea morago ga a sena go le belega.
Go ya ka mothusa mookamela mapodisi a Tsabong, Assistant Superintendent Kitsiso Lemogang mo potsolosong le ba BOPA, tiragalo ba e begetswe ke ba bongaka go tswa kwa sepateleng sa Tsabong morago ga gore mosadi yoo a ye go kopa thuso kwa go bone.
O kaile fa mosadi yo a neng a thapilwe e le motlhokomedi wa bana mo lelwapeng lengwe mo Tsabong mo kgotleng ya Ikageng a ne a leletsa mohiri wa gagwe morago ga tiraglo eo, yo a ileng a feta a mo ragosetsa kwa sepateleng sa Tsabong.
Assistant Superintendent Lemogang a re go ya ka ditlhatlhobo tsa ba bongaka le ditlhotlhomiso tsa ba sepodisi go lemosegile fa losea lo belegwe lo itekanetse mme sebe sa phiri e le mmaalone yo go belaesegang a bakile dikgobalo tse di masisi mo tlhogong tse di feletseng di gapa botshelo jwa gagwe.
Rre Lemogang o supile fa serepa sa losea se rometswe kwa Princess Marina kwa Gaborone go tlhatlhojwa ke ba bongaka.
Motshwarelela mookamela mapodisi a Tsabong o boletse fa mosadi yoo mo nakong ya gompieno a santse a robaditswe kwa sepateleng sa Tsabong mme a le mo diatleng tsa mapodisi go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le go tlhokafala ga losea loo.
Assistant Superintendent Lemogang a re morago ga ditlhotlhomiso, mme yoo o tlaa isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mme fa a ka bonwa molato o tlaa lebisiwa molato wa polao ya motho.
Mabapi le tiragalo eo, Assistant Superintendent Lemogang o ne a gakolola bomme go emisa mokgwa o o maswe wa go bolaya le go latlha masea morago ga go a belega, a re ngwana ke mpho ya Modimo mme ba tshwanelwa ke go fiwa lorato le go tlhokomelwa.
Motshwarelela mookamela mapodisi a Tsabong o ne a tlatsa ka go kopa bomme go itshireletsa ka go dirisa dikhondomo ka nako ya tlhakanelo dikobo le gone go kopa dithuso kwa go ba bongaka ka tsa boiphemelo go kganela boimana jo ba sa bo rulaganyetsang.
Mo go tse dingwe, Assisatant Superintendent Lemogang a re mapodisi a Tsabong le ba sesole ba fitlhetse ngwana wa dingwaga tse nne wa Mc Cathy’s Rust a tlhokafetse morago ga go timela ka Mosupologo kgwedi eno e le lesome le boferabongwe.
Rre Lemogang o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba ne ba begetswe go timela ga ngwana kgwedi eno e le masome a mabedi le bobedi ka nako ya boraro maitseboa.
A re morago ga pego eo ba ne ba potlakela go bolotsa letsholo la mapodisi, ba sesole le morafe go thusa go batla ngwana yo go simologa ka Labone mme ka go tlhoka lesego mosong wa Labotlhano ba fitlhetse a tlhokafetse dikhilomithara di ka nna nne go tswa mo Mc Cathy’s Rust.
O kaile fa go belaesega fa loso lwa ngwana lo ka tswa lo bakilwe ke letsapa, lenyora le tlala ka batsadi ba diegile go begela ba sepodisi ka bonako go ba tswa thuso.
Assistant Superintendent Lemogang o tlhomamisitse fa ba fitlhetse serepa sa ngwana yoo se se mo seemong se se siameng, selo se a reng se pateletsa batsadi go buisana le ba sepodisi go ba rebolela serepa gore ba se boloke ka bonako.
Mo tiragalong e nngwe Assistant Superintendent Lemogang o gakolotse batsadi go tlhokomela bana ka dinako tsotlhe le gone go begela mapodisi nako e santse e le teng mo tiragalong e tshwana le e. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : MC CATHYs RUST
Event : Potsoloso
Date : 26 Feb 2018






