Kereke ya Dutch e abela batlhoki
26 Feb 2018
Mokgatlho wa bomme mo kerekeng ya Dutch Reformed ba abetse batlhoki ba le batlhano kwa kgotleng ya Manamakgote ka Tshipi mo Mochudi.
E rile Mme Onika Molefe a tlhalosa ka kabo dimpho eo, a supa fa go aba e le tsela ya go supa lorato mo go ba bangwe e bile ba dira thomo ya Modimo e le kereke.
A re e re ka jaana Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama a supile lorato lwa go abela batlhoki Botswana ka bophara, seo se ne sa ba gwetlha e le kereke go ema ka dinao go fetisa jaaka pele gore ba nne le seabe mo go abeleng ba ba tlhokang.
Mme Molefe a re ka jalo e ne ya re mo ngwageng o o fetileng ba kgona go abela bangwe gape kwa Boseja e ntse e le mo Mochudi mme seo sa ba tiisa moko gore ba tswelele.
O ne a supa fa ba ne ba kokoanya dithuto tseo mme mongwe le mongwe mo go bomme bao a nna le seabe gore tiro eo e tswelele.
A re ba kgonne go reka dikobo le melora gore ba ba abelwang ba seka ba bolawa ke mariga e bile gape ba kgone go tlhapa go sena mathata ape.
Mme Molefe a re ga ba na go emisa tiro eo ka go supegile e le mosola mo setshabeng.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Agnes Molefi a re ba lebogela dimpho tseo ka jaana e le komiti ba tshwaragana le dikgwetlho tsa go tlhokomela batlhoki.
A re dimpho tseo di ya go thusa ba ba nnileng le lesego la go di abelwa mme ka jalo kereke e segofaditse ba ba tlhokileng lesego gore ba nne le sengwe se ba tlaa ipelafatsang ka sone.
Mme Molefi o ne a supa fa ba tletse boitumelo jo bogolo mme a leboga bomme ba kereke ya Dutch Reformed gore ba itse gore ba dirile tiro e ntle.
Mongwe wa ba ba abetsweng, Mme Matlhape Molokwane le Rre Shimelele Ratsatsi ba ne ba leboga go menagane ka jaana dimpho tseo di tlaa fokotsa botlhoki jwa bone.
Mme Matlhape a re o itumetse fela thata gore a bo a bone dithuso tseo ka seo se supa lorato mo go bone mme a lebogisa bomme ba phuthego ya Dutch gore ba bo ba bone go tshwanela gore ba ba abele.
Rre Ratsatsi ene a re ke ka lebaka la lorato gore ba kereke ya Dutch ba bo ba ba etetse go ba abela dimpho mme seo ke lorato lwa Modimo yo o lemogileng botlhoki jwa bone.
E rile go le pele Kgosi Ramodiane Moje a amogela phuthego mo kgotleng, a supa fa e le ruri go le sego letsogo le le abang mme e bile go segofaditswe bone ba ba kutlwelobotlhoko.
A re ke ka lebaka la lorato gore bomme ba kereke ya Dutch ba bo ba etetse kgotla ya gagwe mo mosong wa Tshipi go tla go aba dimpho mo go ba ba tlhokang.
Kgosi Moje o lebogetse bomme ba phuthego gore ba bone go tshwanela gore ba abele ba bangwe ka seo ba supa lorato la Bakorinta. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOCHUDI
Event : Kabo dimpho
Date : 26 Feb 2018






