Breaking News

Ba itlama go tokafatsa maduo

25 Feb 2018

Mogokgo wa sekole sa Mphuthe JSS, Rre Meshack Sechele o supile fa ba dira gotlhe go tokafatsa maduo.

O buile jaana fa a ne a amogela baeng kwa tirong ya go kgothatsa bana ba sekole seo go tshwara ka thata le go itse gore ba tletse eng kwa sekoleng.

Rre Sechele o tlhalositse fa go le botlhokwa gore bana ba nne le lenyora la go dira ka natla ba sa ineele, a tlhalosa fa sekole seo se amogela bana go tswa kwa metseng ya Serinane, Sesung, Ditshegwane le Metsibotlhoko.

O tlhalosistse fa bana bao ba tsewa phakela le phakela kwa metseng ya bone mme ba busiwe maitseboa, selo se a tlhalositseng fa se ba tsisetsa letsapa.

Mokgothatsi e bile e le mmegadikgang go tswa kwa seromamoweng sa Botswana, Mme Goitseone Moathudi o ne a supa fa ba tsile go kgothatsa bana gore ba iteke, a supa fa a godile fela jaaka bone.

O boletse fa e rile a santse a tsena sekole se sebotlana a ne a tsenela sekole fela gore a pase a bo a rekelwa paka ya sekole ngwaga le ngwaga, a sa itse mosola wa thuto.

O supile fa lesedi la thuto le tsile fa a le kwa sekoleng se segolwane, a bo a supa fa itsholelo ya bone e ne e le kwa tlase.

O boletse gape fa go ne go le thata go itumedisa rraagwe ka jaana a ne a batla gore a tsee maemo a ntlha ka dinako tsotlhe.

O tlhalositse gape fa ka dinako tse dingwe a ne a kgona go tsena sekole a tswa kwa masimo.

Mme Moathudi o ne a kopa baithuti go itebelela ba le nosi ba bo ba ipotse gore ba batla eng mo botshelong.

O tlhalositse fa go na le dilo tse dingwe tse bana ba ka di ithutang kwa ntle ga thuto jaaka go taboga, go bina mmino wa setso le tse dingwe, a tlhalosa fa metshameko e le sengwe sa dilo tse ba ka itshetsang ka tsone fa thuto e padile.

O kopile bana go tlhaloganya gore ba tsholetswe fa go ntseng jang, ba tlogele go itsenya mo kgatelelong ba ikamogele.

O kopile baithuti go tsepama mo dithutong tsa bone, a tlhalosa fa go sa tlhokafale gore ba tsenye batsadi mo kgatelelong.

Mme Moathudi o supile fa go sena motho yo o tsetsweng a sena bokgoni, a bo a kopa bana gore ba seka ba utlwisa batsadi botlhoko.

O ba lemotshitse fa go ratana le go ithuta go sa tsamaelane, a bo a kopa bana go ntsha bokgoni jotlhe jwa bone mo thutong.

O kopile bana go ikgapha mo go diriseng ditagi le go nwa bojalwa, a supa fa ba tshwanetse go ithuta le go rongwa kwa lwapeng.

Fa a itebaganya le batsadi, Mme Moathudi o ne a ba kopa go nna le kgatlhego mo thutong ya bana, go itse bana ba bone le go ela tlhoko ka dinako tsotlhe gore ga ba dire sepe se se ka ba senyetsang bokamoso.

O kopile batsadi go tlotla dikeletso tsa bana, a bo a ba tlhalosetsa fa go le botlhokwa gore ba rotloetse bana.

Mme Moathudi o ne a kopa barutabana go diragatsa maikano a bone mme ba tlogele go kgwela botlhoko jwa bone le mohiri mo baneng.

O ne a itlama go atswa morutabana yo setlhopha sa gagwe se gaisitseng ka P2 000, le go rotloetsa moithuti yo o gaisitseng setlhopha sa gagwe ka mogala wa tablet.

Moithuti wa mophato wa ntlha, Rre Karabo Sekailwe, o ne a rotloetsa baithuti ka ene go ikgapha mo go diriseng ditagi le bojalwa, a bo a ba kopa go tsholetsa serodumo sa sekole sa bone ka go tokafatsa maduo a bone.

O ba kopile gape go itshupa nako e sale gone ka tlogatloga e tloga gale. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Puisano

Date : 25 Feb 2018