Breaking News

Baithuti ba ithuta go dirisa dibalamakgolo

25 Feb 2018

Baithuti ba le masome matlhano ba alogile mo go ithuteng go dirisa dibalamakgolo kwa motlobong wa dibuka wa Letlhakeng.

E rile a bua kwa kalosong eo, mogolwane go tswa kwa lephateng la banana, metshameko le ngwao, Mme Felicity Nyoni a tlhalosa fa tiro eo e le ya ntlha go diragala mo kgaolong ya bone, a tlhalosa fa ba itumetse ka tiro eo e atlegile.

Mme Nyoni o tlhalositse fa ba tlaa tswelela ba alosa baithuti kwa motlobong oo, a supa fa mo Baebeleng e e boitshepo mo lekwalong la Bafilipi kgaolo ya ntlha, temana ya borataro e balega e re, Ke ntse ke ikantse mo, gore yo o simolotseng tiro e e molemo mo go lona, o tlaa swetsa go ya kwa motlheng wa ga Jesu Keresete.

Mookamedi wa metlomo ya dibuka mo Botswana, Mme Chinnana Selolwane o ne a tlhalosa fa motlobo wa dibuka o dira ka thuto le ka dipatlisiso.

O tlhalositse gore fa motho a bua ka thuto o tshwanetse go feta ka motlobo wa dibuka go ithuta, go batlisisa le go itlosa bodutu.

O supile fa lenaneo la go ithuta go dirisa dibalamakgolo le simolotse ka 2009, a supa fa le dirisiwa mahala mme maikaelelo e le gore Batswana ba ithute go dirisa dibalamakgolo ba phuthologile.

O supile fa motlobo wa dibuka o na le maikaelelo a go bona Batswana ba fetogile ba dirisa maranyane, a bo a kopa bana ba dikole go dirisa dibalamakgolo go batlisisa ka thuto ya bone.

Mme Selolwane o tlhalositse fa gape barui, baroki le baithuti  ba ka dira dipatlisiso mo maranyaneng gore ba tokafatse bokgoni jwa bone.

O tlhalositse fa badiredi ba motlobo wa dibuka ba rotloediwa go ithuta dibalamokgolo gore le bone ba itokafatse go tshwana le maphata a mangwe.

O boletse gape gore ba setse ba alositse baithuti ba feta 71 000 mo go diriseng dibalamakgolo, a ba a tlhalosa fa gape metlobo ya dibuka e tsamaya mo go masome a supa le bone mo lekgolong mo go nneng le dibalamakgolo le go nna le maranyane.  

Mme Selolwane o tlhalositse fa ba itemogetse fa bana ba dikole ba tshelegela ka bokete kwa metlobong ya dibuka.

O kopile ba ba setseng ba na le kitso ya go dirisa dibalamakgolo le maranyane go e dirisa, e seng jalo e ka felela e ba latlhegetse.

E rile a a fa bopaki, sealogane Mme Elizabeth Segola, a supa fa a gwetlhilwe ke go lemoga fa ba tshelela mo lefatsheng la diphetogo, a supa gore fa motho a lwala o ka batlisisa mo maranyaneng gore o ka dira jang go tokafatsa botsogo jwa gagwe.

O tlhalositse fa go ne go le bokete ka ba ne ba tshwanelwa ke go ithuta dilo tse dintsi mo dibekeng tse thataro, a bo a supa fa a itumetse ka a kgonne go fetsa thuto e.

O kopile ba ba saletseng kwa morago go ikwadisa ka go dirwa mahala.

Sealogane se sengwe, Rre Tshenolo Babupi, o ne a supa fa a ne a gwetlhiwa ke gore goromente o ithotse tiro ya go ba kwadisetsa manyena a leruo, go ipeela dikitso tsa leruo le go lebelela kgolo ya lone.

O supile fa a ne a bona gore se ke sone sebaka sa go itirela sengwe le sengwe ka kitso e a e anywileng.

Mogolwane wa thuto mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Rre  Musa Mongana, o supile fa bopaki jo bogolo bo dule ka baithuti, a supa fa goromente a tlhalositse fa ditiro tse dingwe barui ba tshwanetse go di itirela.

Rre Mongana o tlhalositse fa ba tlhoka banni ba ba ka ipatlelang dikitso go batlisisa le go tlhabolola matshelo a bone.

O supile fa go le botlhokwa gore batho ba tsamae le dinako, a supa fa gompieno motho a kgona go bala, go tlhaeletsa le gone go romela madi ka maranyane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Kaloso

Date : 25 Feb 2018