Breaking News

Baithuti ba abela banni diolela matlakala

25 Feb 2018

Baithuti ba sekole sa Boitekanelo College ba ba mo ithutuntshong ya tiro ka nakwana ba le kwa lephateng la botsogo kwa Tutume ba abetse banni ba Tutume ditanka tse ditona tse di bolokelang matlakala.

Baithuti bao, ba ba mo ngwageng wa bone wa bofelo kwa sekoleng seo kwa Gaborone, ba roletse banni ditanka tse tlhano ka Labotlhano.

Mongwe wa baithuti bao, Mme Dorcus Jonathan a re ba gwetlhilwe ke go bona tikologo ya motse e sa lebege ka matlakala a a gasagasameng gongwe le gongwe.

Mme Jonathan a re e le baithuti ba dithuto tsa botsogo ba ne ba bona go tshwanela go dira sengwe se se tlaa fetolang tebego ya motse le go rotloetsa batho go itse ka bodiphatsa jwa malwetse a a bakwang ke tikologo e e leswe.

A re ka jalo ba ne ba bona go tshwanela go tlhoma diolela  matlakala mo mafelong mangwe mo motseng gore batho ba kgone go latlhela matlakala mo go tsone.

A re gape ba ne ba leka go tsibosa batho ka mothale o o siameng wa go latlha matlakala go na le go a gasagasa ka a ka kgotlela tikologo, a lwatsa leruo le bone batho tota.

Modulasetilo wa khansele-potlana ya Tutume, Rre Ishmael Mokgethi o ne a lebogela baithuti bao tiro e ntle e ba e dirileng.

Rre Mokgethi a re ke maiteko a matona, a gatelela gore morogo wa ngwana ga o tlhophiwe ditlhokwa.

O boletse fa ditanka tseo di tlaa thusa mo go bolokeng matlakala pele ga a isiwa kwa lefelong la matlakala, a ikuela mo bathong ba motse go tlogela mokgwa wa go latlhela mekoa ya matlakala mo teng.

A re tsone di diretswe go latlhelwa matlakala a nakwana jaaka pampiri kana ditsiri tsa dinotsididi.

O ne a ba kopa go tswelela fela jalo ka go ruta batho ka bodiphatsa jwa malwetse a a bakwang ke tikologo e e leswe.

A re ka go dira jalo ba tlaa bo ba bolokile setshaba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Kabelano

Date : 25 Feb 2018