Ba nyeletso lehuma ba a sugwa
25 Feb 2018
Khansele ya toropo ya Lobatse le lephata la boipelego ba ne ba tshwere ithutuntsho ya tsa kgwebo ya ba ba akotseng lenaneo la nyeletso lehuma go amogana maele a kgwebo.
Fa a ba ema ka lefoko, mothusa molaodi wa toropo ya Lobatse, Mme Kenosi Sethaile a re lenaneo le maikaelelo a lone ke go tlhabolola matshelo a Batswana le go tlhama ditiro, mme a supa fa le tsweletse sentle mo Lobatse.
Mme Sethaile o tlhalositse gore mo Lobatse ba nnile le dikopo tsa lenaneo le di le 369, mme ba kgona go rutuntsha ba le 248 fa 121 e santse e emetse go rutuntshiwa mo go tsa kgwebo tse ba di ikopetseng.
O ne a supa fa ba na le palo ya baikopedi ba le masome a supa le bongwe, ba toropo e tshwereng ka natla go ba thusa ka potlako, a supa fa mo dikgwebong tse di ikopetsweng, ba kgonne go thusa ka madi di le 211 mme mo go tsone go bereka di le 121.
Mme Sethaile o kgothaditse a ba a rotloetsa batsena ithutuntsho go tswela pelo dikgwebo tsa balekane ba bone tse di berekang sentle.
A re selo seo se ka ba kgontsha gore ba nne le maikaelelo, maikemisetso le go bereka ka thata go isa dikgwebo tsa bone kwa pele.
Fa a ba kgothatsa, mokhanselara Rre Molaudi Mantle wa kgotlana ya Woodhall mo Lobatse o ne a re ba tshwanetse ba itumelela lesego le ba le filweng.
A re ba le bantsi ba santse ba eletsa e bile ba batla ka dipelo tsotlhe go ka ipona ba le mo lenaneong la nyeletso lehuma go ka tokafatsa matshelo a bone.
Rre Mantle o ba gakolotse go sireletsa dikgwebo tsa bone ka tsotlhe tse ba nang le tsone mme e bile ba tshwarelele mo go tsone.
A re gore ba kgone go sireletsa dikgwebo tsa bone le go netefatsa gore di a tswelela ga di we, ba tshwanetse ba ithuta go farologanya botsala le kgwebo.
Rre Mantle a re go le gansti dikgwebo di tswalwa ka ntlha ya gore beng ba nnile botlhaswa ba letlelela botsala go laola dikgwebo tsa bone.
A re seo ga se a tshwanela go diragala, a gatelela gore ba iphaphe mo go raelweng ke botsala jo bo ka felelang bo diga dikgwebo tsa bone.
Rre Mantle o gakolotse batsea ithutuntsha gore fa ba filwe dithuso le didiriswa go simolola dikgwebo ba tshwanetse ba nna le seabe se setona mo go tsone ka jaana e le dikgwebo tsa bone.
A re ba lese mokgwa wa go nna ba re dikgwebo ke tsa ga goromente ba bo ba felela ba di lesa gore di phutlhame ka jaana ba sena maikarabelo mo go tsone, a bolela fa seo e le go itshenyetsa e le Batswana.
Maikaelelo a ithutuntsho e, e ne e le go abelana le ba ba akotseng lenaneo maele a tsa kgwebo le a go e tsamaisa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ketshepile More
Location : LOBATSE
Event : Thuto Puisano
Date : 25 Feb 2018






