Breaking News

Bakgweetsi ba dikoloi tsa setshaba ba tlhagisiwa go baakanya dikoloi

22 Feb 2018

Mogolwane wa mapodisi a pharakano  kwa Tutume,, Inspector Amos Kurusa o kopile boradipagamo tsa setshaba ba Tutume go baakanya dikoloi tsa bone nako tsotlhe gore di nne mo seeemong se se letelesegang ka fa molaong.

Inspector Kurusa  o boletse seo kwa bokopanong jwa bone le bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba kwa Tutume ka Laboraro gore ba tshwanetse ba tlhaloganya gore ke bone ba rweleng matshelo a batho, ka jalo dikoloi tse  ba di dirisang  di itshwanetse go nna di itekanetse.  

A re ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe wa bone  go bona gore maotwana le yone koloi ka bo yone e siametse go dirisiwa mme bangwe mo go bone ba tsamaya ka dikoloi tse di fedileng dithaere gape bangwe ba tsentse dithaere tse di senang boleng, selo se a kaileng se baya matshelo a batho mo diphatseng.

O ne a supa fa bangwe ba theogela ba nole bojalwa kana ditagi,a re seo ke molato o motho a amogwang teseletso ya go kgweetsa.

O gateletse gore mapodisi a pharakamo maikaelelo a bone ga se gore ba nne setlhogo mo bathong mme ba batla batho ba ba obamela molao.

Inspector Kurusa o ne a ba sedimosetsa ka dikotlhao tse ba di lopiwang fa ba tlodile melwana mengwe ya tsa dipalomo tsa setshaba, ka jalo a ba kopa go nna le boikarabelo jwa go babalela matshelo a batho.

O ne a ba kgalemelela mokgwa o bangwe badirise ba dikoloi tseo  ba reng ba fitlhela mongwe a pegile batho a ne a sa tshwanela go ba pega bogolo jang tse di ya Francistown, ba ba thibele ka dikoloi tsa bone go tswa ba re ba ba tsetse batho.

A re seo ke molato ka ba abo ba baya bapagami mo diphatseng,a bo a ba kopa go nna ba begela mapodisi fa go na le bangwe ba ba tlolang molao go na le go itseela ditshwetso tse di seng ka fa molaong.

Mogolwane kwa lephateng la dipagamo le ipabalelo tseleng a okametse tlhatlhobo ya dikoloi, Rre  Emmanuel Matshaba o kopile boradipalamo ba diokomelabagwe tsa bone di takilweng ka ntshogo ntsha bontsho joo ka ponyo ya leitlho.

Rre Matshaba a re ka mokgwa le molao dikoloi tse di rwalang setshaba di tshwanetse go tsenngwa difensetere tse di phatsimang, a supa fa go lebega ba ikgatolositse seo ka ba bolelelwa nako tsotlhe.

A re gape dikoloi tsa bone di tshwanetse go bonala ka dinomoro tse ditala nako le nako gongwe le gongwe e seng go di tsenya fa ba le mo lefelong le ba theogelelang mo go lone fela.

A re gape koloi eo ya taxi ga e letlelelwe go pega mo mafelong a e sa letlelelwang go ya ka teseletso ya yone, a tlhagisa ba ba ntseng ba dira jalo go emisa go dira jalo a re molao o tlhalosa gore yo o tshwarwang a dira jalo o gapelwa koloi.

Fa ba akgela, boradipalamo ba boletse fa ba sa jesiwe di welang ke dikoloi tsa setshaba tse di tsamayang mesepele e metelele di feta ka Tutume go ya Francistown, ba re di retologa mo Tutume ba bo ba boela morago ba ba tseela batho.

Mongwe wa bakgweetsi bao, Rre Tshephang Mangena, a re dikoloi tse di ba baya ka fa mosing ka ba pega batho ba ka tshwanelo ba ka bong ba pegwa ke bone.

Rre Morris Tshwenyego ene o boletse fa  tsela e e yang Mosetse e tswa kwa Magapatona e sena maemelo a dibese mme fa bone ba  ema mo tseleng eo go pega batho kana go folosa ba fiwa kotlhao e e gagametseng.

Rre Tshwenyego a re gape tsela eo e epegile ga ba kgone go ema sentle ka fa tlhoko ga yone ka e senya dithaere tsa dikoloi.

A re kgang ya teng e ba tshwentse ka ke mosepele o motelele go tswa mo kgotleng e nngwe go ya kwa go e nngwe go sena maemelo a dikoloi mme bapagami ba le gongwe le gongwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Bokopano

Date : 22 Feb 2018