Ba abetswe dibuka
22 Feb 2018
Bana ba masiela le ba batlhoki ba sekole se sebotlana sa Khudumelapye ba abetswe dibuka ke mogwebi wa lebentlele la Madina Trading Store, Rre Mujeburehman Duste ka Laboraro.
E rile a amogela baeng kwa kabong dimpho eo, Kgosi Othusitse Mosimane, a supa gore fa motho a aba, o a bo a dira tiro e tona ka jaana le Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama a rotloetsa mowa wa go abela ba ba dikobo dikhutshwane.
O tlhalositse fa go aba e se selo sa bagwebi fela, mme a rotloetsa Batswana go aba sepe se ba nang le sone go thusa ba ba kwa tlase.
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Khudumelapye, Mme Ompatile Kalayakgosi o ne a tlhalosa fa khansele e sa kgone go ba fa ditlamelo ka fa go tshwanetseng, a bo a supa gore ka ntlha ya se ba ne ba patelesega go ya go kopa dithuso mo mogwebing yo, mme a tlhalosa fa a ka kgona go abela bana ba masiela le batlhoki ba le masome a marataro le borataro.
O supile fa bana ba e le ba mephato e e farologanyeng.
Le fa go ntse jalo, Rre Duste o ne a seka a akgela sepe mo kabong dimpho eo, a supa fa tumelo ya gagwe e sa mo letle go bua sepe fa a aba.
Mokhanselara wa Khudumelapye/Sesung, Rre Bokopano Tumiso, o ne a supa fa Rre Duste a ba beile motlotlo ka go reetsa selelo sa ga mogokgo, a supa fa mogwebi yoo e se la ntlha a abela batho ba Khudumelapye, a bo a supa fa a tshwanelwa ke go lebogiwa go menaganye.
Rre Tumiso o tlhalositse fa ba eletsa gore mogwebi yoo a tswelele ka ntlha ya se a se dirileng, a bo a kopa batho ba motse oo gore ba mo eme nokeng gore a tle a atlege mo kgwebong ya gagwe.
O supile gape fa khansele-potlana ya Letlhakeng e tsere tshwetso ya gore go okediwe madi a go rekela bana dibuka gore ba tle ba gole sentle, a bo a supa fa tshwetso e e ka nna ya ama dilo dingwe tse ba ntseng ba di dira. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Letlhakeng
Event : Kabo Dimpho
Date : 22 Feb 2018






