Breaking News

Borre ba ka lwantsha kgokgontsho

22 Feb 2018

Borre ba lekgotla la Men Sector mo Selebi Phikwe ba kopilwe go ema ka dinao go lwantsha le go emisa  kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana.

Modulasetilo wa Men Sector mo Selebi Phikwe, Superintendent Ishmael Morebudi o kopile jalo fa a ne a tlhalosa maikaelelo a bokopano jwa Men Sector kwa Selebi Hotel.

Rre Morebudi o ne a supa fa dinako tse dingwe batho ba iphitlhela ba kgokgontshitse ba ba tshelang nabo ka go tlhoka kitso, a re tsholofelo ke gore morago ga bokopano joo borre ba bo ba ithutile go le gontsi. Rre Morebudi o tlhalositse fa borre e le bone ba go supafalang e le bakgokgontshi, ka jalo dithuto tse di tlaa dira gore ba kgone go phuthologa go bua ka tse di ba gogelang gore ba dire tiro ya go nna jalo.

Rre Morebudi o ne gape a supa fa go se motlhofo gore borre ba phuthologe go bua ka mogare wa HIV, mo go dirang gore ba felele ba itlhatlhoba ka bomme ba ba tshelang nabo.

E rile a bula semmuso thutopuisanyo eo, Superintendent Nlebesi a supa fa e le ba sepodisi ba tshwentswe ke dikgang tsa kgokgontsho lefatshe ka bophara, .

Superintendent Nlebesi o ne a supa fa kgokgontsho e bonala le mo baneng ba basimane ba ba santseng ba le kwa tlase ka dingwaga fa ba ntse ba tshameka le ba basetsana, ka jalo a supa fa le bone ba sa tshwanela go tlogelwa kwa morago.

Superintendent Nlebesi o ne a supa fa seo se itshupa gape le kwa dikoleng ka bana ba basimane ba kgona go itaya ba basetsana,

A re se se tlhoka go emelwa ka dinao go ba bontsha fa e le bone ba ba tshwanetseng go sireletsa bokgaitsadia bone.

Superintendent Nlebesi a re fa se se ka emelwa ka dinao se ka dira gore lefatshe le tsoge le na le boeteledipele jo bo nang le boikarabelo mo setshabeng se ba tshelang naso.

Rre Shathiso Daki yo e leng molomaganya ditiro tsa bolwetse jwa HIV/AIDS mo Selebi Phikwe o ne a supa  fa ba sa tshwanela go ikgatholosa go bua ka  mogare ka borre ba  goga dinao fa go tla mo go itlhatlhobeleng bolwetse mme se se kgona go baka kgotlhang mo malwapeng.

Rre Daki o ne a supa fa e rile ka 2012 go ne ga dirwa dipatlisiso mabapi le tsa kgokgontsho,mme go ne ga supa fa masome a marataro le bosupa mo lekgolong la bomme ba ba dingwaga tse di lesome le boferabobedi go ya kwa godimo ba ne ba kgokgontshiwa ka go tlhakanela dikobo, mme ba le masome mabedi le bone mo lekgolong ba dirisitswe go sa itshirelediwa.

Rre Daki  o ne a kopa borre go tsaya kgato ka go sena ka fa ba ka bonang dithuso tsa botsogo ka teng  ba sa itlhatlhoba.

Rre Daki a re e le ba Men Sector ba dira maiteko a go rotloetsa baratani go itlhatlhoba mmogo ka nako e le nngwe gore  ba kgone go amogelana le go gakololana.

Borre ba ba neng ba tsene dithuto, ba ne ba kopiwa go ya go kgaogana se ba se ithutileng le ba ba sa kgonang go nna le sebaka sa go tsena dithuto tseo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gasebolwe Olesitse

Location : Selebi Phikwe

Event : Bokopano

Date : 22 Feb 2018