Breaking News

Dikotsi di keketse kwa Tsabong

21 Feb 2018

Motshwarelela mookamela mapodisi a Tsabong, Assistant Superintendent Kitsiso Lemogang a re mapodisi a Tsabong a tshwenngwa ke dikotsi tsa tsela tse di simolotseng go kekela kwa motseng oo.

Matshwenyego ao a  builwe mo potsolotsong le ba  BOPA bosheng morago ga gore mapodisi a Tsabong  a begelwe ditiraglo  tse pedi tse di farologanyeng  tse mo go tsone go tlhokafetseng banna ba le babedi morago ga go amega mo dikotsing tsa tsela mo bekeng e e fetileng. Tiragalong ya ntlha, Assistant Superintendent Lemogang o tlhalositse fa e diragetse kgwedi eno e le lesome le botlhano gaufi le diofisi tsa ga mmakaseterata ka nako ya masome a mararo morago ga nako ya bosupa maphakela. 

Assistant Superintendent  Lemogang o  ne a tswelela ka go tlhalosa fa monna wa dingwaga tse di masome a matlhano le  bone a ne a tlhokafala morago ga go thulwa ke koloi a leka  go kgabaganya tsela.

Motshwarelela mookamela mapodisi a Tsabong o boletse fa monna yoo a ne a ragosediwa kwa kokelong ya Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a tlhokafetse. Rre Lemogang o supile fa serepa mo nakong ya gompieno se setse se tlhatlhobilwe ke ba bongaka  le gore se setse se reboletswe ba masika  go ka se boloka. 

A re moswi o tlholega kwa Kanye mme e ne e le mmereki mo khanseleng ya Kgalagadi teng mo Tsabong. Assistant Superintendent Lemogang a re mabapi le tiragalo eo, monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa yo o tlholegang kwa Gweta yo le ene e leng modiri  mo khanseleng  o santse a ba thusa mo ditlhotlhomisong.

Mo tiragalong e nngwe gape, monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi  yo o tlholegang kwa Werda o ne a tlhokafala morago ga gore dikoloi tse tharo di thulane  mo tseleng ya Tsabong ya Maubelo ka Tshipi ba tswa maitisong.

Assistant Superintendent Lemogang  o  tlhalosa fa mokgweetsi wa  koloi ya VW GOLF a ne a eme mo tseleng go thusa mokgweetsi wa taxi nngwe e e neng e senyegile mme mokgweetsi wa koloi ya mini truck yo o neng a feta mo tseleng eo  a ne a  latlhegelwa ke taolo ya koloi mme a ya go thula dikoloi tseo tse di neng di eme fa thoko ga tsela. 

A re mo koloing ya VW GOLF bapalami ba ne ba le bane go balelwa le mokgweetsi mme monna mongwe o ne a  latlhegelwa ke botshelo morago ga go bona dikgobalo tse di masisi mo tlhogong mme ba bangwe ba ba mo dikoloing tseo ba ne ba falola ka bobi jwa segokgo ka dikgobalo tse di potlana.

O kaile fa  serepa se santse se le mo setsidifatsing sa kokelo ya Princess Marina kwa Gaborone go ka tlhatlhojwa ke ba bongaka fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse.

Assistant Superintendent Lemogang o boletse fa bakgweetsi bao, ba ba bakileng dintsho ba tlaa isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mme fa ba ka bonwa molato ba tlaa lebisiwa molato wa go  baka dintsho le go kgweetsa ba sena kelotlhoko  le gore ba ka atlholwa madi a a sa feteng P10 000 kana dingwaga tse di lesome mo kgolegelong.

Rre Lemogang o boletse fa mapodisi ba tshwenngwa ke dikotsi tsa tsela tse gantsi di amang banana, a supa fa ba gatisitse dikotsi tsa tsela di le nne go simolola ka Sedimonthole ngogola go fitlha mo kgweding eno.

O ne a tlatsa ka go gakolola bakgweetsi go ela tlhoko batsamaya ka dinao, bogolo jang  bagodi le bana  le gone go kgweetsa ka kelotlhoko le ka lobelo lo lo letlelesegang ka dinako tsotlhe go hema ditiraglo tsa mofuta oo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : potsolotso

Date : 21 Feb 2018