Breaking News

Morero ke konokono - Kgosi

20 Feb 2018

Kgosi Kegaisamang Ramokwena wa kgotla ya Boseja mo Maun a re go simolodisiwa ga komiti ya ditlhabololo tsa kgaolwana ya Boseja Bokone go dirilwe go setswe ditsamaiso tse di maleba morago.

O boletse jalo gore bogogi jwa komiti bo ne jwa dira therisanyo le ba-na-le seabe botlhe ka ba ne ba lemoga fa banni ba ne ba latela ditlamelo kgakala ka kgaolo ya bone e le bophara.

Kgosi Ramokwena o boleletse jalo banni ba Boseja Bokone gore e le bogogi ba ne ba dumalana le ba komiti ya dilthabololo go simolodisa komiti ka jaana ba ne ba lemoga fa seo e tlaa bo e le maiteko a go atumeletsa banni ditlamelo.

O tlhalosiste fa ba ne ba tshwenngwa ke sekgala se banni ba se tsamayang go latela ditlamelo mme a supa fa le bone ba ne ba eletsa go diragatsa moono wa puso wa gore ditlamelo di atumelediwe batho.

E re kgaolo ya Boseja e le bophara, bogogi bo ne jwa dumalana ka bongwefela jwa pelo go nna le dikomiti tse pedi ebong Boseja Borwa le Bokone gore ditlhabololo tse di dirwang di akaretse kgaolo yotlhe.

Ka jalo bogogi bo ne jwa simolodisa e ntsha ya Bokone e e neng e rolelwa semmuso morafe le gone go supa diofisi tsa yone.  Kgosi Ramokwena a re maiteko ao a supa fa go na le kgolo ya batho.

A re ke keletso ya bone go tswelela ba atumetsa ditlamelo kwa bathong gore ba di akole bogaufi.

Le fa go ntse jalo, o boletse fa a tlaa tswelela a dirisanya le dikomiti tsotlhe fa a santse a emetse gore ba bogosi ba sekaseke kopo ya gagwe.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Boseja Bokone, Rre John Keesi o boletse fa tshwaragano fa gare ga bogogi, bagwebi le banni e rena, a supa fa ba kgonne go ikemela le go ipelega ka thotloetso ya bone.

A re e sale ba tlhongwa, ba kgonne go bula letlole la komiti, ba ikgokella metsi mo setsheng a supa fa dikago dingwe di tsweletse tse di dirwang ka madi a dikgalo tsa botlhophi.

A re mo kgaolong ya bone ba segofetse thata ka jaana ba na le ditlhabololo tse dintsi di akaretsa dikgwebo, madirelo a puso jaaka dikole, kokelwana le dikole tsa ithutelo ditiro ya diatla tota.

Rre Keesi o ne a supa dingwe tsa dikgwetlho tsa bone jaaka tlhaelo ya bodiredi kwa kokelwaneng. 

O ne a kopa gape gore kokelo eo e bereke e sa tswalwe ka jaana fa ba na le molwetsi wa tshoganetso, ba patelesega go ya kwa kokelwaneng ya Maun General kana kokelo ya Letsholathebe, a supa fa go le sekgala.

Modulasetilo o ne a lela gape ka ditsha dingwe tse a reng di sale di abetswe banni mme ga di tlhabololwe. 

A re ditsha tseo di fetogile sekgwa mme seo se baya matshelo a banni mo boraing ka jaana dilalome di iphitlha mo go tsone.

Mokhanselara wa kgaolo, Rre Kebonye Mphoyamodimo o ne a supa go ikanya Modimo le gone go reetsa dikgakololo tsa botsadi e le gone go ba kgontshang dilo tse dintsi mo kgaolong.

A re e le bogogi go botlhokwa go lemoga gore konokono ya tiro ya bone ke go tlhabolola le go aga morafe e seng go nnela dikgang tse di thubang morafe.

O boletse fa bogogi jwa kgaolo bo itlhomile kwa pele go supa lorato, go rotloetsa tshwaragano, mowa wa go ipelega gore ba kgone go fetola selebego sa kagolo ya bone.

Rre Mphoyamodimo o boletse fa ba abetswe setsha se setona mme ba na le lenaneo la go se kagoganya gararo ka maikaelelo a go aga matlo a bonno, go nna le sa kgwebo le sa madirelo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Feb 2018