Breaking News

Bakgatla ba rapelela kgaolo

19 Feb 2018

Dikereke ka go farologana di ne di tshologetse kwa kgotleng kgolo ya Bakgatla kwa Mochudi ka Tshipi go rapelela dipolao tse di golelang pele le botlhokatsebe jwa banana mo Kgatleng.

Motshwarelela bogosi jwa Bakgatla, Kgosi Bana Sekai o supile fa ba tshwenyegile thata ka botlhokatsebe le go bolaana ga banana mo Kgatleng, mme ba bona go tshwanela go phutha dikereke go tla go rapelela seemo se.

Kgosi Sekai o tlhalositse fa morafe o nyelela ke dipolao le dikotsi tsa dikoloi tse di gapang matshelo a batho ka dipalo tse di kwa godimo.

A re o utlwisiwa botlhoko ke gore banana ke bone bo tshoso-e-rweleng ba matlhotlhapelo a mme ga ba tsibogele go tla go itseela ka tsebe dikgakololo tse ba di fiwang mo merapelong.

Kgosi Sekai o ne a tlhalosetsa baphuthegi ba ba neng ba tshologile mokgosi gore karabo ya Modimo ga e tle ka bofefo, ka jalo ba seka ba solofela phetogo ka ponyo ya leitlho.

O ne a kgothatsa morafe gore ba seka ba ipona tsapa go rapela le gore ba seka ba nna boitseme go tsena dipitso tse di bidiwang kwa kgotleng.

“Ntwa ga e lowe ka bontsi, Modimo o utlwa dithapelo tsa rona ka yone palo e ya rona e,” a bua a solofetsa morafe.

Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong o ne a akgolela Kgosi Sekai tiro e ntle e a e dirileng ya go phutha dikereke go tla go rapelela Kgatleng.

A re se se supa fa e le ruri boeteledipele bo sa jesiwe diwelang ke maitsholo a a fatlhang a bana ba kgaolo ya Kgatleng.

Rre Morolong o tlhalositse fa go na le makalana a le mabedi a a ka bolokang le go aga kgaolo, kereke le malwapa.

O tlhalositse fa a itemogetse fa banana ba sa kgatlhegele lefoko la Modimo ka bangwe ba tsena dikereke fela mme ba sa tshele ka lefoko la Modimo.

Rre Morolong o kaile fa kereke e na le kgwetlho e tona ka ke yone e ka busetsang seriti sa boitshwaro jo bo letlelesegang jwa banana le go anamisa lefoko la Modimo mo go bone.

“Nna ke dumela gore kereke e tshwanetse go akanyetsa mafelo a dinno tagi ka ke one e tshwereng ditharabololo tsotlhe tsa botshelo”.

O ne a tlhalosa fa a eletsa go bona lefatshe la Botswana go nna tshaba e e kutlo e e boifang Modimo ka ngwaga wa 2036.

Rre Morolong o ne a tshwaela gape ka botlhokwa jwa lelwapa, le gore leina le lentle le a itirelwa ka motse o o senang bokhudutlou ga o thata.

A re mongwe le mongwe mo lapeng o tshwanetse go tsaya karolo ya gagwe e le nngwe tsela ya go tiisa lapa le go tlotlana.

Rre Morolong a re banana ba tshwanetse go tla pitsong ya kgosi kana epe fela kwa kgotleng go tla go itseela ka tsebe ka gore ba felela ba fetwa ke dithuto tse di ka ba isang golo gongwe.

Moruti wa kereke ya Apostolic Faith Mission, Moruti David Morwaagole o gwetlhile baphuthegi go tsaya kgato ka go rapelela Kgatleng.

A re Keresete ke ene a ka baakanyang seemo se se diragalang mo kgaolong mme kgang kgolo e le go arogana lefoko la Modimo.

Moruti Morwaagole o ne a rotloetsa banana go tsena dikereke ka kereke e na le lekalana la go sidila maikutlo.

Motlhami wa mokgatlho wa Save Kgatleng, Rre Mpho Tau a re o tlhamile mokgatlho o ka a ne a setse a kokonetswe ke go utlwa matlhotlhapelo a dikgang tsa dipolao le dikotsi tse di gapang matshelo a batho.

O kopile morafe go tshwaraganela tiro le mokgatlho wa gagwe ka go tsaya karolo mo mogwantong o ba tlaa o tshwarang go ema kgatlhanong le dipolaano Mopitlo a tlhola gararo le e mengwe e ba tlaa tswelelang ba itsese setshaba ka yone.

Rre Tau o tlhalositse fa mogwanto o tlaa simolola kwa sekoleng se segolwane sa Molefi ka nako ya borataro mo mosong go fitlha fa marekisetsong a Cash Bazar. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebo Rakanyane

Location : MOCHUDI

Event : phuthegong ya kgotla

Date : 19 Feb 2018