A ipabalelo tseleng e simolole kwa moding
19 Feb 2018
Ke maikarabelo a barekisi ba leokwane go bona gore le ojwa le sale metsi ka go isa dithuto le ditlamelo tsa tiriso tsela kwa dikoleng tse dipotlana, e le bontlha bongwe jwa go tshwaraganela kgetsi ya tsie le barutabana, botsadi le bana.
Ka jalo, ba VIVO ba tshwaragana le ba Uni-Trans, ba lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng le mapodisi le ba pabalelo matshelo le botsogo jwa batho mo kgaolong-potlana ya Palapye go isa dithuto tsa ipabalelo tseleng kwa baneng ba sekole seo.
Fa a tswa la gagwe, molomaganyi wa ditlhaeletsanyo wa Vivo Energy Botswana (VEB) Mme Adelaide Johnson, o ne a re go rutuntsha ka ipabalelo tseleng ke lengwe la boikarabelo jwa bone, morago ga go lemoga fa tiro ya bone ya kanamiso ya leokwane mo lefatsheng leno lotlhe e ba baya fela mo tseleng.
Mme Johnson a re ke gone ka moo ba neng ba bona go le molemo go itshwaraganya le makalana a a amegang go isa dithuto kwa baneng.
Mo mafokong a gagwe a thutuntsho, mogolwane yo o lebaganeng le tsa thuto ka tsa ipabalelo tseleng, Mme Lorraine Gaolebale, o ne a gasa molaetsa le go ruta bana ka tse ba tshwanetseng go di dira fa ba tlola tsela.
Mme Gaolebale o ne gape a ruta ka tiriso makgabaganyo a tsela a re batho ba tshwanetse go itlwaetsa go dirisa go kgabaganya fa go babalesegileng gore dikoloi di ba fe sebaka sa go tlola.
Mafoko ao a ne a iteelwa kobo moroko ke mapodisi, ba tlhalosa fa tiro ya bone e se go tshwarela batho go sa diriseng mabante a ipabalelo fa ba kgweetsa.
Ba ne ba re ke boikarabelo jwa mokgweetsi go tsenya lebante fa a kgweetsa e seng go ipanta fela fa ba bona mapodisi, ka go dira jalo go ka tsenya botshelo jwa mokgweetsi mo diphatseng fa a ka diragalelwa ke kotsi.
Mapodisi ba ne gape ba re bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le bobedi ga ba letlelelwe go kgweetsa dikotsekara tsa ditonki ba le nosi ka ba sale bannye go tsaya boikarabelo mo tseleng, le go ka hema dikotsi.
Beng ba koloi ya mogobagoba ya leokwane ya Uni-Trans ba ne ba tsaya sebaka go supegetsa bana gore go le gantsi bakgweetsi ba dikoloi tse ditona ga ba bone se se fetang kwa tlase ka dikoloi tseo di le kwa godimo thata.
Mo mafokong a gagwe a tebogo, Mogokgo Keletlhokile Molefi o ne a lebogela dithuto tseo, a re ke tsa bobedi go tla kwa sekoleng sa gagwe.
A re ka 2015 di ne tsa isiwa kwa go bone mme tsa dira pharologanyo e ntsi ka bana ba ne ba isa molaetsa kwa botsading ka tiriso ya tsela le ipabalelo tseleng.
O ne a re o solofela fa mo nakong eno thuto eo e ya go nna mosola mo baneng ka le bone e le barutabana ba ntse ba e jala mo go bone.
O ne a re Moreomabele ke mongwe wa metse e e mo tshekamelong ya tsela e tona ya A1e dikotsi di leng dintsi mo go yone.
A re kitso ka tiriso tsela e ka fokotsa dikotsi le go di fema, segolo thata mo baneng fa ba kgabaganya.
Bana ba ne ba fiwa gape sebaka sa go dirisa dikolotsana le go beelwa matshwao a tsela a a ba rutang go ema le go emela batsamaya ka dinao fa makgabaganyong.
Morago ba VIVO ba ne ba abela bana ba sekole ba le 186 go tswa kwa lekwalong la bananyana go ya kwa go la bosupa dibeke tsa dibuka, dipena le dipensele le dikepese, fa ba lekwalo la bosupa bone ba ne ba abelwa le dipone tsa letsatsi fa godimo gore ba ye go di dirisa go ithuta kwa malapeng.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : MOREOMABELE
Event : thutuntsho
Date : 19 Feb 2018






