Breaking News

Segopa se golafaditse babelaelwa

19 Feb 2018

Makawana a le mabedi ba go dumelwang e le bontlha bongwe jwa ditlhophana tse di tlhorontshang morafe mo Molepolole ka go ba keteka le go ba amoga di-tsa bone di akaretsa megala ya letheka, ba bone go se gontle ka Labotlhano motshegare wa tadi e amusa fa ba tlhaselwa le go ketekwa ba gobadiwa mo go setlhogo ke segopa sa batho ka magatwe a tiragalo ya go kgothosa ka Labone bosigo.

Bobedi joo bo ne jwa tlhaselwa ke segopa sa batho ba ba neng ba jele magala ba tshwentswe ke go utlwisa morafe botlhoko letsatsi le letsatsi ba ikadile le mebila e batho ba e dirisang fa gare ga motse.  

Kgang go kaiwa e ne ya tswa mo taolong fa mongwe wa ba ba tlhorontshiwang  a ne a thulana le mongwe wa babelaelwa mme a batla gore a mo neele mogala wa letheka, o a neng  a o kgothositse mo go ene go le maabane le mongwe wa ditsala tsa gagwe.  

A re e re ka jaana ba ne ba dule letsholo go batla babelaelwa bao, dipatlisiso tsa bone di ne tsa dira gore ba kgone go tshwara ba le babedi ka thuso ya morafe o o neng o tletse tshakgalo go batla ditlhogo tsa makawana ao ka tlhobaelo ya gore ba emela batho mo ditseleng kwa mafelong a a farologanyeng a motse oo, le kwa Magokotswane mo tikologong ya hotele ya Rock-Lane.

Ramapodisi a Molepolole, Superintendent Charles Mbengwa o tlhomamisitse tiragalo eo ka go supa fa ba tsibositswe ke mongwe yo a neng a tla go gatlhamela mo diofising ka lobelo go kuela fa bobedi joo, bo le mo diphatseng tsa go tlhaselwa ke segopa sa batho.

A re maiteko a go inola babelaelwa mo seemong seo gaufi le marekisetso a dithoto tsa kago a Builders World, a ne a fitlhela seemo se dule mo taolong bobedi joo bo aperwe ke dikgobalo tse di masisi.  

Superintendent Mbengwa  le fa gontse jalo o gakolotse setshaba go hema dikgang tsa go itseela molao mo diatleng ka tiriso dikgoka le fa se tlhokofaditswe,  mme ba rolele babelaelwa badiragatsi ba molao.

Ditlhotlhomiso di supa fa bobedi joo, go le gantsi bo amega mo ditiragalong tse dintsi tsa borukutlhi mo motseng, tsa go keteka, go kgothosa batho, go ba tseela dithoto di tshwana le megala ya matheka ka dinako tsa bosigo ba ba supile ka dithipa.

Mo tiragalong e nngwe, Superintendent Mbengwa o tlhalositse fa letsholo la mapodisi le le tsweletseng mo kgaolong ya Mokwena, la go lwantsha tiriso ya ditagi le ne la tshwara monna mongwe wa kgotla ya Lekgwapheng gaufi le sekole se sebotlana sa Lephaleng ka setlhatsana se go belaesegang e le motokwane.

Mapodisi ba ne a gatlhamele a santse a itebetse ka didirisiwa tse di kalang di akaretsa dikere le dipampitshana tsa sekale mme ba fitlhela mephuthelwana e e ka lopang go feta dikete tse tlhano le P11 292.  

E re ntswa motse wa mmelaelwa yoo o kopanetse molelwane le sekole se sebotlana sa Lephaleng, e bile go na le semausu se bana ba sekole ba tlolang tsela go se etela gangwe le gape, monna yoo o latotse nnang ya banyana fa e le bangwe ba ba atleng  ba rekisetse bana ditagi, mme a re ene o lebaganye le bagolo fela.

Mmelaelwa o latotse gore go bo a tshwerwe ka setlhatsana seo, ga se sesupo sa gore botshelo jwa gagwe bo ikaegile fela ka kgwebo ya motokwane, mme gape o rekisa diaparo kwa flee market e bile o na le kgwebo ya go tlhatswa dikoloi.

Superintendent Mbengwa a re e re ka jaana barekisi ba motokwane go lebega ba sa boele morago maikaelelo a bone, sepodisi se tlaa itepatepanya le diemo go netefatsa pabalesego le botsogo jwa setshaba le go bona gore badiramasula ao ba a  ineela.BOKHUTLO                                                                 

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE

Event : magodu a ketekilwe

Date : 19 Feb 2018